LEFITIKO 1 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Ditshupelo tse di fisiwang

1Jehofa a bitsa Moše, a bua nae a le mo mogopeng wa bophuthegelo, a re:

2“Bua le bana ba Iseraele, o ba reye o re: Motlhang mongwe wa lona o isetsang Jehofa seromololo, lo ise seromololo sa lona e le sa dikgomo, e bong sa matlhape le sa matsomane.

3“E re fa seremololo sa gagwe e le tshupelo e e fisiwang ya matlhape, a a ise e tona e e se nang bogole; a e ise fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo gore a amogelwe fa pele ga Jehofa.

4A a beye letsogo la gagwe mo tlhogong ya tshupelo e e fisiwang, mme e tlaa amogelwa mo boemong jwa gagwe go tla e mo direla tetlanyo.

5A a tlhabe kgomo fa pele ga Jehofa; bomorwa Arone, e bong baperesiti, ba ise madi, ba kgatshe madi mo tikologong ya sebeso se se fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo.

6Tshupelo e e fisiwang, a a e bue letlalo, a e kgaoganye dirwe.

7Bomorwa Arone moperesiti a ba gotse molelo mo sebesong, ba rulaganye dikgong mo molelong.

8Bomorwa Arone, e bong baperesiti, a ba rulaganye dirwe, le tlhogo, le mahura, mo dikgonnyeng tse di mo molelong o o mo sebesong.

9Diteng tsa yone le memo ya yone a di tlhatswiwe ka metsi, mme a moperesiti a fisetse gotlhe mo sebesong, e le tshupelo e e fisiwang, tshupelo e e dirwang ka molelo, e le monko o o monate mo go Jehofa.

10“Fa seromololo sa gagwe e le sa letsomane, sa dinku, kgotsa sa dipodi, e le tshupelo e e fisiwang; a a ise e tonanyana e e se nang bogole.

11A e tlhabele ka fa lotlhakoreng lwa sebeso, ntlheng ya botsheka fa pele ga Jehofa, mme bomorwa Arone, e bong baperesiti, a ba kgatshe madi a yone mo sebesong mo tikologong ya sone.

12A a kgaoganye dirwe tsa yone di na le tlhogo ya yone, le mahura a yone, mme moperesiti a di rulaganye mo dikgonyeng tse di mo molelong o o mo sebesong.

13Diteng le memo a a di tlhatswe ka metsi, mme moperesiti a a ise gotlhe a go fisetse mo sebesong; ke tshupelo e e fisiwang, tshupelo e e dirwang ka molelo, e e monko o monate mo go Jehofa.

14“Fa seromololo sa gagwe se o se isetsang Jehofa e le tshupelo e e fisiwang ya dinonyane, foo a a ise tshupelo ya gagwe e le maphoi kgotsa maebana.

15Moperesiti a e ise kwa sebesong, a e soke tlhogo e kgaoge, a e fisetse mo sebesong; madi a yone a a gamogele ka fa lotlhakoreng lwa sebeso.

16A a tlose ntshu ya yone le diphafa tsa yone a di latlhele ka fa sebesong ntlheng ya botlhabatsatsi, fa felong ga molora;

17a e phanye ka diphuka, mme a se ka a e fatola; moperesiti a e fisetse mo sebesong, mo dikgonnyeng tse di mo molelong; ke tshupelo e e fisiwang, tshupelo e e dirwang ka molelo, e e monko o o monate mo go Jehofa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help