PESALEMA 132 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya tshegofatso ya Felo ga BoitshepoSefela sa Ditlhatlogo.

1Jehofa, o gopolele Dafite

patiko yotlhe ya gagwe;

2jaaka a ne a ikanela Jehofa,

a ikanela Mothata wa ga Jakobe,

a re:

3“Ruri ga nketla ke tsena

mo mogopeng wa ntlo ya me,

le fa e le go ya mo bolaong jwa me;

4ga nketla ke naya matlho a me

boroko,

le fa e le dintshi tsa me go bokalala;

5go bo go tsamaye

ke bonele Jehofa bonno,

ke bonele Mothata wa ga Jakobe

motlaagana.”

6 Bonang, re go utlwaletse kwa

Eferatha;

ra go fitlhela kwa nageng ya Jaare.

7“Re tlaa tsena

mo metlaaganeng ya gagwe;

re tlaa obama

fa sebeong sa dinao tsa gagwe.

8Jehofa, a ko o tsogele

mo bonnong jwa boikhutso

jwa gago;

wena le letlole la thata ya gago.

9A baperesiti ba gago

ba apesiwe tshiamo;

a baitshepi ba gago

ba duduetse ka boitumelo.”

10Ka ntlha ya ga Dafite

motlhanka wa gago,

o se ka wa hulatsha

sefatlhogo sa motlodiwa wa gago.

11 Jehofa o ikanetse Dafite

ka boammaaruri;

ga a ketla a bo tlhanogela a re:

“Ke tlaa nnisa loungo lwa mmele

wa gago

mo setulong sa gago sa bogosi.

12E tlaa re fa bana ba gago

ba boloka kgolagano ya me,

le tshupo ya me

e ke tlaa e ba rutang,

bana ba bone le bone,

ba tlaa nna mo setulong sa gago

sa bogosi ka bosakhutleng.”

13Gonne Jehofa o ikgethetse Sione;

o go eleleditse

go nna boago jwa gagwe. A re:

14“Fa, ke jone bonno jwa boikhutso

jwa me ka bosakhutleng;

fa, ke gone fa ke tlaa nnang gone,

gonne ke go eleditse.

15Ke tlaa segofatsa dijo tsa gagwe

tsa dibolokelo thatathata;

ke tlaa kgorisa

bahumanegi ba gagwe ka dijo.

16Baperesiti ba gagwe le bone,

ke tlaa ba apesa poloko;

baitshepi ba gagwe

ba tlaa duduetsa thata ka boitumelo.

17 Ke tlaa kukuntsha

lonaka lwa ga Dafite gone;

ke baakanyeditse

motlodiwa wa me lobone.

18Baba ba gagwe

ke tlaa ba apesa ditlhong;

mo go ene ka esi,

serwalo sa gagwe sa bogosi

se tlaa galalela.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help