PESALEMA 18 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Sefela sa ga Dafite sa phenyoPesalema ya ga Dafite motlhanka wa ga Jehofa, a bua le Jehofa mafoko a sefela se, ka letsatsi le Jehofa o mo golotseng mo mabogong a baba ba gagwe botlhe fela ka lone, le mo letsogong la ga Saulo, Pina ya moopedi yo mogolo.

1Ke a go rata Jehofa,

thata ya me.

2Jehofa ke lefika la me,

le kago ya me ya phemelo,

le mogolodi wa me;

Modimo wa me,

lefika la me le le thata,

ke tlaa ikanya mo go one;

thebe ya me,

le lonaka lwa poloko ya me,

le kago ya me e e godileng

ya tlhabanelo.

3Ke tlaa bitsa Jehofa

yo o tshwanetsweng ke go bakwa;

jalo ke tlaa bolokwa

mo babeng ba me.

4Dikgole tsa loso

di ne di ntsentse gare,

le merwalela ya boikepo ya mpoifisa.

5Dikgole tsa Bobipo di ne di ntharile;

dirai tsa loso tsa nkwela.

6Mo pitlaganong ya me

ka bitsa Jehofa,

ka goela Modimong wa me;

a utlwa lentswe la me

a le mo tempeleng ya gagwe

e e boitshepo,

selelo sa me fa pele ga gagwe

sa mo tsena ka ditsebe.

7Foo lefatshe la reketla la roroma,

metheo ya dithaba le yone ya suta

ya reketla,

ka gobo a le bogale thata.

8Ga kua mosi

o tswa dinkong tsa gagwe,

molelo o o tswang mo molomong wa

gagwe wa laila;

magala a tshubiwa ke one.

9Magodimo le one

a a oba, a ba a fologa;

lefifi le lentsho la bo le le

fa tlase ga dinao tsa gagwe.

10A bo a palame tšheruba, a fofa;

ee, a fofa ka bofefo mo diphukeng

tsa phefo.

11A dira lefifi felo ga gagwe

ga maiphitlho, mogope wa gagwe

ka fa ntlheng tsotlhe tsa gagwe;

lefifi la metsi,

maru a maima a legodimo.

12Ka go galalela

mo go neng go mo eteletse pele,

maru a gagwe a maima a feta,

sefako le magala a molelo.

13le gone Jehofa a dumisa maru

mo magodimong,

Mogodimodimo a ntsha kodu;

sefako le magala a molelo.

14A hula metswi ya gagwe

a ba phatlalatsa;

ee, dikgadima di le dintsi

mme a ba phatlalatsa a ba alola.

15Foo meedi ya metsi ya bonala,

metheo ya lefatshe le yone

ya bipololwa, ka kgalemo ya gago,

Jehofa, ka pudulo ya mowa

wa dinko tsa gago.

16A roma a le godimong, a ntsaya;

a ntshwatola mo metsing a magolo.

17A nkgolola mo mmabeng wa me

yo o thata,

le mo go ba ba nkidileng,

gonne ba le thata bobe mo go nna.

18Ba ne ba nkwela godimo

mo letsatsing la tatlhego ya me;

mme Jehofa ya nna ene

seitshwarelelo sa me.

19A nntshetsa kwa felong

fa go atlhameng; a nkgolola,

ka gobo a itumela thata mo go nna.

20Jehofa o ne a ntuela

ka fa tshiamong ya me;

ka fa go itshepeng ga diatla tsa me

o ntefetse.

21Gonne ke tshwere ditsela

tsa ga Jehofa,

le gone ga ke a kgaogana le Modimo

wa me ka go ikepa.

22Gonne dikatlholo tsotlhe tsa gagwe

di ne di le fa pele ga me,

mme ke se ka ka tlosa melao

ya gagwe fa go nna.

23Le gone ke ne ke le boitekanelo

mo go ene, mme ka ithiba

mo boikepong jwa me.

24Ke gone ka moo Jehofa o ntefetseng

ka fa tshiamong ya me,

ka fa go itshepeng ga diatla tsa me

mo matlhong a gagwe.

25Yo o kutlwelobotlhoko

o tlaa mo itshupetsa

fa o le kutlwelobotlhoko;

monna yo o boitekanelo

o tlaa mo itshupetsa o le boitekanelo;

26yo o itshekileng

o tlaa mo itshupetsa o le boitsheko;

yo o kgopo

o tlaa mo itshupetsa fa o le lesoko.

27Gonne o tlaa boloka batho

ba ba patikwang;

matlho a a kadileng

o tlaa a bokalatsa.

28Gonne o tlaa tshuba lobone lwa me;

Jehofa Modimo wa me

o tlaa bonesa lefifi la me.

29Gonne ke sotlhomela lesomo ka wena;

ke ba ke tlola lorako

ka Modimo wa me.

30Ka ga Modimo,

tsela ya one e lekanetse;

lefoko la ga Jehofa le lekilwe;

ene ke thebe mo go bone botlhe

ba ba mo ikanyang.

31Gonne yo e leng Modimo ke mang,

fa e se Jehofa?

Yo o leng lefika ke mang,

fa e se Modimo wa rona?

32E bong Modimo o o ntlamang

ka nonofo, o bo o dire

tsela ya me e nne boitekanelo.

33 O dira dinao tsa me

go nna jaaka maoto a tshephe;

mme o mpeye mo mafelong a me

a a godimo.

34O ruta diatla tsa me go tlhabana;

mabogo a me a ba a tle a obe bora

jwa kgotlho.

35O bile o nneile le thebe

ya poloka ya gago;

letsogo la gago le le siameng

le ntshegeditse,

le bonolo jwa gago

bo ntirile mogolo.

36Dikgato tsa me

o di atlhamoloseditse fa tlase ga me,

dinao tsa me ga di a relela.

37Ke tlaa khukhela baba ba me,

ke ba tshwara;

le gone ga nketla ke bowa

go tsamaya ba nyelediwa pele.

38Ke tlaa ba kgabuka,

ba ba ba tla ba retelelwa

ke go tsoga;

ba tlaa wela fa tlase ga dinao tsa me.

39Gonne o ntlamanyeditse tlhabano

ka nonofo;

bone ba ba neng ba ntsogologetse

o ba khubamisitse fa tlase ga me.

40Le gone o dirile gore

baba ba me ba nneye mekotla

gore ke tle ke kgaole ba ba nkilang.

41Ba ne ba goa, mme ga bo

go se na ope yo o bolokang;

le kwa go Jehofa,

mme a se ka a ba araba.

42Foo ka ba leta

jaaka lorole fa pele ga phefo;

ka ba gelolela kwa ntle

jaaka seretse sa mebila.

43O nkgolotse

mo petapetanong tsa batho;

o ntirile tlhogo ya merafe;

sešaba se ke ntseng ke sa se itse

se tlaa ntirela.

44Ba tlaa re fela ba utlwa ga me,

ba bo ba ineela fela mo go nna;

baeng ba tlaa inkhubamisetsa.

45Baeng ba tlaa kaologa,

mme ba tlaa tla ba roroma,

ba tswa mo dipharong tsa bone.

46Jehofa o tshedile;

a go bakwe lefika la me;

a go godisiwe Modimo

wa poloko ya me;

47e bong Modimo o o mpusolosetsang,

o ba o khubamisa batho

fa tlase ga me.

48O mphalodisa mo babeng ba me;

ee, o a tle o nkgoleletse godimo

ga ba ba ntsogologelang;

o nkgolole mo mothong

yo o thubakang.

49 Ke gone ka mo

ke tlaa go ntshetsang malebogo,

Jehofa, mo merafeng,

ke tlaa opelela leina la gago dipako.

50O naya kgosi ya gagwe

kgololego e kgolo;

o supetsa motlodiwa wa gagwe

bopelonomi mo go Dafite

le losika lwa gagwe

go ya bosakhutleng.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help