1 SAMUELE 27 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Dafite o falolela go Bafilisitia

1Dafite a ithaya mo pelong a re: “A bo ke tlaa nama ke swa motlha mongwe ka seatla sa ga Saule; mo go nna go molemo bogolo go falolela kwa lefatsheng la Bafilisitia; Saule o tlaa ntlhoboga go tlhola a mpatla gope mo melelwaneng yotlhe ya Iseraele: jalo ke tlaa falola mo seatleng sa gagwe.”

2Mme Dafite a nanoga, ene le ba ba 600 ba ba nang nae, a kgabaganyetsa kwa go Akiše morwa Maoke, kgosi ya Gathe.

3Dafite a nna kwa go Akiše, ene le banna ba gagwe, mongwe le mongwe a na le ba ntlo ya gagwe, le e leng Dafite a na le basadi ba gagwe ba babedi, Ahinoame, wa Mojesereele, le Abigaile wa Mokaremele, mosadi wa ga Nabale.

4Ga bolelelwa Saule fa Dafite a tshabetse kwa Gathe; mme a se ka a lhola a mmatla gope.

5Dafite a raya Akiše a re: “Fa jaana ke bonye botsalano mo matlhong a gago, a ba nneye bonno mo go mongwe wa metse e e mo lefatsheng, gore ke age gone; gonne motlhanka wa gago o ka bo a nnelang nao mo motseng wa segosi?”

6Foo Akiše a mo naya Sikelage ka tsatsi leo; ke gone ka fa Sikelage e leng wa dikgosi tsa Juta ka gone le gompieno.

7Palo ya malatsi a Dafite o ne a aga mo lefatsheng la Bafilisitia ka one e ne e le ngwaga o o tletseng le dikgwedi di le nne.

8Dafite le banna ba gagwe ba bolola, ba tlhasela Bagešure, le Bagirise le Baamaleke; gonne merafe eo e ne e le banni ba lefatshe, ba e ne e le ba bogologolo, jaaka fa motho a ya Shure, e bong go ya kwa lefatsheng la Egepeto.

9Dafite a kgemetha lefatshe, a se ka a rekegela monna le fa e le mosadi, mme a gapa dinku le dikgomo, diesela, dikamela, le diaparo; a bowa a tla kwa go Akiše.

10Akiše a re: “Lo tswa go tlhasela kae gompieno?” Dafite a re: “Kwa Juta ntlheng ya borwa, le kwa ntlheng ya go pota Bajerameele kwa borwa, le go pota Bakene ntlheng ya borwa.”

11Dafite a se ka a rekegela monna le fa e le mosadi go tla a ba lere mo Gathe, a re: “Ba ka tla ba re bolela, ba re: ‘Dafite o ntse a dira jaana le jaana.’ ” Mokgwa wa gagwe o ne o ntse jaana ka metlha yotlhe a le mo lefatsheng la Bafilisitia.

12Akiše a dumela Dafite a re: “Batho ba ga gabo ba Iseraele o ba itlhoiseditse ruri; ke gone ka moo o tlaa nna motlhanka wa me ka bosakhutleng.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help