1Ga dirala e rile morago ga moo, Abesalome morwa Dafite a bo a na le kgaitsadie mongwe, e le motho yo montle, leina la gagwe e le Tamare; mme Amenone morwa Dafite a mo rata.
2Amenone a tshwenyega thata a ba a tla a bobola ka ga Tamare kgaitsadie; gonne e ne ele kgarebane; mme go ne go le thata mo go Amenone go mo dira sengwe.
3Amenone o ne a na le tsala nngwe, leina la gagwe e le Jonatabe morwa Simea, mogoloa Dafite; Jonatabe e ne e le monna yo o boferefere thata.
4A mo raya a re: “Wena morwa kgosi go ntse jang o bopama jaana ka malatsi otlhe? A ga o mpolelele?” Amenone a mo raya a re: “Ke rata Tamare kgaitsadia Abesalome nnake.”
5Jonatabe a mo raya a re: “Robala mo bolaong jwa gago o itsheme botlhoko; e tlaa re rraago a tla go go bona o mo reye o re: ‘Ke a go rapela, o mme kgaitsadiake Tamare a tle a nneye dijo, a di baakanye mo ponong ya me gore ke di bone, ke be ke di jele mo seatleng sa gagwe.’ ”
6Jalo Amenone a robala a itshema botlhoko; mme e rile kgosi e tsile go mmona, Amenone a raya kgosi a re: “Ke a go rapela, o mme kgaitsadiake Tamare a tle a ntirele dipapetlana tsa senkgwe le fa e le di le pedi mo ponong ya me, gore ke tle ke jele mo seatleng sa gagwe.”
7Foo Dafite a romela kwa gae kwa go Tamare a re: “A ke o ye kwa ntlong ya ga Amenone kgaitsadio, o mmaakanyetse dijo.”
8Tamare a ya kwa ntlong ya ga Amenone kgaitsadie; Amenone a bo a rapame. Mme Tamare a tsaya setou, a se duba, a dira dipapetlana tsa senkgwe mo ponong ya gagwe, a besa dipapetlana tsa senkgwe.
9A tsaya pitsana e e lophaetla, a di gorometsa fa pele ga gagwe; mme a gana go ja. Amenone a re: “Ntshang banna botlhe ba tswe.” Mme banna botlhe ba tswa fa go ene.
10Amenone a raya Tamare a re: “Lere dijo mo ntlwaneng gore ke jele mo seatleng sa gago.” Tamare a tsaya dipapetlana tsa senkgwe tse o di dirileng, a di isa mo ntlwaneng kwa go Amenone kgaitsadie.
11Ya re a sena go di atametsa fa go ene go tla a di ja, a mo tshwara a mo raya a re: “Ntlo o lale le nna kgaitsadiaka.”
12A mo fetola a re: “Nyaa kgaitsadiaka, o se ka wa nkatisa; gonne ga go a tshwanela fa sengwe se se ntseng jalo se ka dirwa mo Iseraele; o se ka wa dira bosilo jo.
13Nna ke tlaa isa kae ditlhong tsa me? Le ka ga gago o tlaa nna jaaka lengwe la masilo mo Iseraele. Ke gone ke a go rapela, bua le kgosi; gonne ga e ketla e gana gore o ntseye.”
14Le fa go ntse jalo a gana go reetsa lentswe la gagwe; mme e re ka a le thata bogolo go ene, a mo katisa, a lala nae.
15Foo Amenone a tloga a mo tlhoa ka tlhoo e e feteletseng; ka tlhoo e o mo tlhoileng ka yone ya feta lorato lo o ne a mo rata ka lone pele. Amenone a mo raya a re: “Nanoga o tsamaye.”
16Tamare a mo raya a re: “E seng jalo, gonne tshiamololo e kgolo e, ya go nteleka, e tlaa bo e gaisa e nngwe e o e ntiretseng.” A gana go mo reetsa.
17Foo a bitsa motlhanka wa gagwe yo o mo direlang a re: “Ntshetsa mosadi yo kwa ntle a tswe mo go nna, mme o pakele setswalo morago ga gagwe.”
18Tamare o ne a apere seaparo se se mebalabala, gonne bomorwadia kgosi ba e leng makgarebane ba ne ba tle ba apare diaparo tse di ntseng jalo. Foo motlhanka wa gagwe a mo ntshetsa kwa ntle, a pakela setswalo morago ga gagwe.
19Tamare a ipaya melora mo tlhogong a ikgagola seaparo se se mebalabala se o se apereng; a ipaya seatla mo tlhogong, a tsamaya, a tla a galela godimo.
20Abesalome kgaitsadie a mo raya a re: “A Amenone kgaitsadio o ntse a na nao? Jaana o tle o didimale kgaitsadiaka; ke kgaitsadio; a selo se se se go tsene mo pelong.” Tamare a nna a poporogetswe fela mo ntlong ya ga Abesalome kgaitsadie.
21E rile kgosi Dafite a utlwa dilo tsotlhe tse, a nna bogale thata.
22Abesalome a se ka a bua le Amenone se se molemo, le fa e le se se bosula; mme a tlhoa Amenone ka a ne a katisitse Tamare kgaitsadie.
Ipusolosetso ya ga Abesalome23Ga dirala e rile morago ga dinyaga di le pedi tse di tletseng, Abesalome a bo a na le babeodi ba dinku mo Baalehasore o o bapileng le Eferaime; Abesalome a laletsa bomorwa kgosi botlhe.
24Abesalome a tla mo kgosing a re: “Bona, motlhanka wa gago o na le babeodi ba dinku; ke a go rapela, a kgosi le batlhanka ba yone ba ye le motlhanka wa gago.”
25Mme kgosi ya raya Abesalome ya re: “Nyaa morwaaka, a re se tsamayeng rotlhe, re ka tla ra go imela.” A mo rapela thata; le fa go ntse jalo a gana go tsamaya, mme a mo segofatsa.
26Foo Abesalome a re: “Fa go sa nna jalo, ke a go rapela, a mogolole Amenone a ye le rona.” Kgosi ya mo raya ya re: “O tlaa bo a elang nao?”
27Abesalome a e rapela thata, ya ba ya tla ya lesa Amenone le bomorwa kgosi botlhe ba ya nae.
28Abesalome a laola batlhanka ba gagwe a re: “Lo ele tlhoko jaana, fa pelo ya ga Amenone e le mokete ka bojalwa jwa mofine; fa ke lo raya ke re: ‘Itayang Amenone,’ foo lo mmolaye, lo se ka lwa boifa; a ga ke a lo laola? Lo nne pelokgale, le boganka fela.”
29Batlhanka ba ga Abesalome ba direla Amenone jaaka Abesalome a ba laotse. Foo bomorwa kgosi ba nanoga botlhe, mongwe le mongwe a palama mmoulo wa gagwe, a tshaba.
30Ga dirala ya re ba le mo tseleng, mafoko a fitlha kwa go Dafite, ga twe: “Abesalome o bolaile bomorwa kgosi botlhe, go bile ga go a sala ope wa bone.”
31Foo kgosi ya nanoga ya ikgagola diaparo, ya namalala fa fatshe; batlhanka botlhe ba yone ba ema fa go yone ba ikgagotse diaparo.
32Jonatabe, morwa Shimea mogolo a Dafite, a bua a re: “A morena wa me a se ka a itlhoma fa ba bolaile makau otlhe bomorwa kgosi; ka go sule Amenone a le esi; gonne e sa le ka letsatsi le o katisitseng Tamare kgaitsadie ka lone selo se se ntse se ikaeletswe ka taolo ya ga Abesalome.
33Ke gone jaana, a selo se se se tsene kgosi morena wa me mo pelong, go itlhoma fa bomorwa kgosi ba sule botlhe; gonne go sule Amenone a le esi fela.”
34Abesalome a tshaba. Mme lekau le le lebetseng la tsholetsa matlho, la leba, mme bonang, ga bo go tla batho ba le bantsi ka tsela ya mofapha wa thaba morago ga lone.
35Jonatabe a raya kgosi a re: “Bona, bomorwa kgosi ba tsile; jaaka motlhanka wa gago a buile, go ntse fela jalo.”
36Ga dirala ya re a sena go wetsa go bua, bomorwa kgosi ba fitlha, mme ba tsholetsa mantswe a bone ba lela; le ene kgosi le batlhanka ba yone botlhe ba lela mo go botlhoko thata.
37 Mme Abesalome a tshaba, a ya kwa go Talemai morwa Amihure kgosi ya Gešure. Dafite a lelela morwawe ka malatsi otlhe.
38Jalo Abesalome a tshaba a ya Gešure, a nna gone dinyaga di le tharo.
39Mowa wa kgosi Dafite o ne o tlhologeletswe go tswela kwa go Abesalome; gonne a setse a gomotsegile ka ga Amenone jaaka a sule.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.