PESALEMA 2 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Puso ya Motlodiwa wa ga Jehofa

1 Ana merafe e šakgaletseng,

le ditšhaba di tlhatlhanyetsang

selo sa boithamako?

2Dikgosi tsa lefatshe

di a ikemisa, le balaodi

ba logisanya maano, ka ga Jehofa,

le ka Motlodiwa wa gagwe, ba re:

3“A re kgaoleng dithapo tsa bone,

le megala ya bone

re e latlhe mo go rona.”

4Ene yo o dutseng mo magodimong

o tlaa tshega;

Jehofa o tlaa ba sotla.

5Ke gone foo o tlaa buang nabo

ka bogale jwa gagwe jo bogolo,

o tlaa ba rema marapo

ka bogale jwa gagwe jo bo tukang:

6“Le fa go ntse jalo

ke tlhomile kgosi ya me

mo thabeng ya me

e e boitshepo ya Sione.”

7 Ke tlaa bolela ka ga taolo;

Jehofa o ntheile a re:

“O morwaake;

ka tsatsi leno ke go tsetse.

8Ntopa, mme ke tlaa go naya merafe

go nna boswa jwa gago,

le dikhutlo tsa lefatshe

go nna thuo ya gago.

9 O tlaa ba thubakanya

ka tsamma ya tshipi;

o tlaa ba phatlakanya

jaaka sejana sa mmopi.”

10Ke gone jaana

tlhalefang, lona dikgosi;

lo rutege, lona baatlhodi ba lefatshe.

11Direlang Jehofa ka poifo,

mme lo itumele ka tlakaselo.

12Atlang morwa,

gore e se re gongwe a galefa,

mme lwa nyelela mo tseleng,

gonne bogale jwa gagwe

bo tlaa akofa bo tuka.

Go sego bone botlhe

ba ba mo ikanyang.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help