PESALEMA 108 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya go thusiwa mo mmabeng(Pes 57:7-11; 60:5-12)Sefela. Pesalema ya ga Dafite.

1Modimo, pelo ya me e nitame;

ke tlaa opela,

ee, ke tlaa opela dipako,

le ka e e leng kgalalelo ya me.

2Tsogang, saletare le harepe;

nna ka nosi ke tlaa tsoga

ka maphakela a magolo.

3Ke tlaa go ntshetsa malebogo

mo gare ga ditšhaba, Jehofa;

ke tlaa go opelela dipako

mo gare ga merafe.

4Gonne boutlwelobothoko jwa gago

bo le bogolo godimo ga magodimo,

le boammaaruri jwa gago

bo fitlha kwa maaping.

5O nne o golediwe, Modimo,

godimo ga magodimo;

le kgalalelo ya gago

godimo ga lefatshe lotlhe.

6Boloka ka letsogo la gago

le legolo, mme o re arabe,

gore baratwi ba gago ba gololwe.

7Modimo o buile

mo boitshepong jwa one; wa re:

“Ke tlaa kgana ka boitumelo;

ke tlaa kgaoganya Shekeme,

ke ba ke lekalekanya mokgatšha

wa Sukothe.

8Gileate ke ga me;

Manase ke ga me; Eferaime le ene

ke phemelo ya tlhogo ya me;

Juta ke thobane ya me ya bogosi.

9Moabe ke mogopo wa me

o o tlhapelang; setlhako sa me

ke tlaa se latlhela mo Etome;

ke tlaa kgana ka Filisitia.”

10Ya bo e le mang yo o tlaa nkisang

mo motseng o o thekeleditsweng?

Ya bo e le mang

yo o nkgogetseng mo Etome?

11A ga o a re latlha Modimo?

Mme o sa bolole le dintwa tsa rona,

Modimo.

12Re tlhabantshe le moganetsi,

ka gobo thuso ya motho

ke lefela fela.

13Re tlaa dira ka bonatla ka Modimo,

gonne ke one

o tlaa gatakang baganetsi ba rona.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help