ISAIA 25 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Sefela sa kgalaletso ya ga Jehofa

1Jehofa, o Modimo wa me;

ke tlaa go godisa,

ke tlaa baka leina la gago,

gonne o dirile

dilo tse di gakgamatsang,

e bong dikgakololo tsa bogologolo,

mo boikanngong

le mo boammaaruring.

2Gonne o dirile motse

gore o nne mokoa fela;

le gore motse o o thekeleditsweng

o nne marope fela;

ntlo ya kgosi ya baeng,

gore e se nne motse wa sepe;

ga o ketla o tlhola o agiwa gope.

3Ke gone ka moo tšhaba e e thata

e tlaa go galaletsang,

motse wa merafe e e boitshegang

o tlaa go boifa.

4Gonne o ne o ntse o le

felo fa go thata ga bahumanegi,

felo fa go thata ga motlhoki

mo pitlaganong ya gagwe,

botshabelo mo matsubutsubung,

moriti mo mogoteng,

motlhang leratla

la ba ba boitshegang

le nnang jaaka fa matsubutsubu

a itaaka fa lorakong.

5Jaaka mogote

mo felong fa go omeletseng

o tlaa kokobetsa modumo wa baeng;

pina ya ba ba boitshegang

e tlaa ngotlelwa tlase,

jaaka mogote

fa leru le diga tshuti.

Modimo o tlaa baakanya moletlo o motona

6Mo thabeng e, Jehofa wa masomosomo o tlaa baakanyetsa ditšhaba tsotlhe modiro wa dilo tse di nonneng, modiro wa majalwa a mafine a a itshekileng, wa dilo tse di nonneng tse di tletseng moko, wa majalwa a a itshekileng a a tlhotlhegileng sentlentle.

7Mo thabeng e o tlaa senya bontle jwa sebipo se se latlhetsweng mo godimo ga ditšhaba tsotlhe, le sesiro se se bipileng merafe yotlhe.

8 O komeditse loso ka bosakhutleng; Morena Modimo o tlaa phimola dikeledi mo matlhong otlhe; le yone kgobo ya batho ba gagwe o tlaa e tlosa mo lefatsheng lotlhe fela; gonne Jehofa o le boletse.

9Go tlaa buiwa mo letsatsing leo, go twe: “Bonang Modimo wa rona ke one o; re ntse re o lebeletse, o tlaa re boloka; yo, ke ene Jehofa; re ntse re mo lebeletse; re tlaa itumela re ipela mo polokeng ya gagwe.”

Modimo o tlaa otlhaya Moabe

10 Gonne seatla sa ga Jehofa se tlaa nna mo thabeng e; mme Moabe o tlaa gatakwa mo felong ga gagwe, fela jaaka motlhaka o gatakelwa mo metsing a kgatampi ya maloko.

11O tlaa otlolola mabogo a gagwe mo gare ga gone, jaaka yo o sapang a tle a otlolole mabogo a gagwe go sapa; o tlaa baya boikgodiso jwa gagwe kwa tlase mmogo le togakanyo ya diatla tsa gagwe.

12Mme kago ya phemelo, kago ya phemelo e e godileng ya dithako tsa gago, o tlaa bo a e folositse, o e kokobeditse, o e beile fa fatshe, fela mo loroleng.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help