PESALEMA 95 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Sefela sa kgalaletso

1A ko lo tleng re opeleleng

Jehofa;

a re tsheleleng lefika la poloko

ya rona lešoa la boitumelo.

2A re ke re tleng fa pele ga

sefatlhogo sa gagwe ka tebogo;

a re mo tsheleleng

lešoa la boitumelo ka dipesalema.

3Gonne Jehofa ke Modimo

o Mogolo, le Kgosi e kgolo

godimo ga medimo yotlhe.

4Mo seatleng sa gagwe go mafelo

a a boteng a lefatshe;

ditlhora tsa dithaba, le tsone,

ke tsa gagwe.

5Lewatle ke la gagwe, o le dirile;

diatla tsa gagwe

di bopile lefatshe la komelelo.

6A ko lo tleng, re obame, re iname;

a re khubameng fa pele ga Jehofa

mmopi wa rona:

7 gonne ke ene Modimo wa rona,

mme rona re batho ba bofulo jwa

one, le dinku tsa seatla sa one.

A bo gompieno

lo ka ka lwa utlwa lentswe la one!

8 Se thatafatseng pelo tsa lona,

jaaka kwa Meriba,

jaaka mo tsatsing la Masa

kwa nageng,

9jale ka borraeno ba nteka,

ba ntlhotlhomisa,

mme ba bona tiro ya me.

10Ka hutsafadiwa ke losika loo

ka lobaka lwa dinyaga

di le masome mane, ka ba ka re:

“A bo e le batho

ba ba timelang mo pelong ya bone,

mme ga ba a ka ba itse

ditsela tsa me.”

11 Mme ke gone ka mo ka ikana

mo kgalefong ya me, ka re:

“Ga ba ketla ba tsena

mo boikhutsong jwa me.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help