JEREMIA 9 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1A bo tlhogo ya me

e ka bo e le metsi,

le matlho a me

a ka bo a le motswedi

wa dikeledi,

gore ke tle ke lelele

ba ba bolailweng

ba morwadia batho ba me,

motshegare le bosigo!

2A bo ke ka bo ke na le felo

ga bolalo ga batsamai

le tsela mo nageng;

gore nka bo ke tlogela batho ba me

ka tswa mo go bone!

gonne ke bagokafadi botlhe,

phuthego ya malotsana.

3“Ba obe loleme lwa bone,

jaaka e ka bo e le bora jwa bone

go tla ba bua maaka;

mme ba nonofetse mo lefatsheng,

mme e seng ntlheng

ya boammaaruri:

gonne ba tle ba tswe mo bosuleng

bongwe,

ba ye mo bosuleng jo bongwe,

mme ga ba nkitse,”

go bua Jehofa.

4“A mongwe le mongwe a itise

mo go wa ga gabo,

ope a se ka a ikanya

ngwana a rraagwe;

gonne ngwanaa rramotho

mongwe le mongwe

o tle a tlhalefeletse yo mongwe ruri,

mme mongwe le mongwe

wa ga gabo motho

o tle a nne a tsamaye ka ditlabeletso.

5Mongwe le mongwe

o tlaa tsietsa wa ga gabo,

ga ba ketla ba bua boammaaruri;

ba rutile diteme tsa bone

go bua maaka;

ba inaya letsapa la go dira boikepo.

6Bonno jwa gago

bo mo gare ga tsietso;

ka ntlha ya tsietso

ba gana go nkitse,”

go bua Jehofa.

7Ke gone ka moo Jehofa wa masomosomo o buang jaana, a re:

“Bonang, ke tlaa ba tlhapolosa,

ke ba leka;

gonne ke ka bo ke dira jang

ka go sele,

ka ntlha ya morwadia batho ba me?

8Loleme lwa bone ke motswi o o

tlisang loso; lo bua tsietso;

motho o a tle a bue kagiso

le wa ga gabo ka molomo,

mme mo pelong a mo laletse.

9A ga nketla ke ba kgopololela

dilo tse?” go bua Jehofa;

“a mowa wa me ga o ketla o itefetsa

mo morafeng o o ntseng jaana?”

10Ke tlaa tlhabeleletsa dithaba selelo

le kuruetso,

le mafulo a naga khutsafalelo,

gonne a fisitswe,

go bile ga go tle ope ka gona;

le gone batho

ga ba kake ba utlwa kodu

ya dikgomo;

go le dinonyane tsa loapi,

le diphologolo di tshabile, di ile.

11“Ke tlaa dira Jerusalema mekoakoa,

boago jwa diphokoje;

ke tlaa dira metse ya Juta tshwafalo

go se na monni.”

12Monna yo o botlhale ke mang, yo o ka tlhaloganyang se? Yo molomo wa ga Jehofa o buileng nae ke mang, gore a se bolele? Ke ka ntlha yang lefatshe le sule, le šele jaaka naga, go bile go sa tle ope ka teng?

13Jehofa a re: “E re ka ba latlhile molao wa me o ke o beileng fa pele ga bone, mme ba se ka ba utlwa lentswe la me, le fa e le go sepela mo go lone;

14mme ba sepetse ka fa logwading lwa pelo tsa bone, ba ile le boBaale, mo ba go rutilweng ke borraabo.”

15Ke gone ka moo, go bua jaana Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a re: “Bonang, ke tlaa ba jesa, e bong batho ba, ke ba jese longana, ke tlaa ba nosa santlhokwe.

16Le gone ke tlaa ba falaletsa le merafe e ba iseng ba ke ba e itse le fa e le borraabo; mme ke tlaa ba latedisa tšhaka, go tsamaye ke ba nyeletse.”

Batho ba Jerusalema ba a lela ba kopa thuso mo Moreneng

17Go bua jaana Jehofa wa masomosomo, a re:

“Lo gopole, mme lo bitse basadi

ba khutsafalelo gore ba tle;

lo romele basadi ba ba matsetseleko

gore ba tle:

18A ba itlhaganele,

mme ba re tlhabeleletse selelo,

gore matlho a rona

a tshologe dikeledi,

le dintshi tsa matlho a rona

di gorometse metsi.

19Gonne modumo wa khutsafalelo

o a utlwala o tswa Sione, o re:

‘Ana re thopilwe jang!

Re sosobagantswe,

ka re latlhile lefatshe,

ka ba digile manno a rona.’ ”

20Le fa go ntse jalo

utlwang tlheng lefoko la ga Jehofa,

lona basadi,

mme a ditsebe tsa lona

di amogele lefoko

la molomo wa gagwe,

lo rute bomorwadia lona kuruetso,

le mongwe le mongwe a rute

wa ga gabo khutsafalo.

21Gonne loso lo tlhatlogile

lo tsenye ka diipone tsa rona,

lo tsenye mo matlong

a dikgosi tsa rona;

go tla lo kgaola banyana kwa ntle,

le makau mo mebileng.

22Bua o re: Jehofa o bua jaana, a re:

“Ditoto tsa batho

di tlaa wela mo nageng

e e lobala fela jaaka boloko,

le jaaka mabelenyana a tle a we

mo seatleng sa mosegi,

mme go se na ope

yo o tlaa a selang.”

23Jehofa o bua jaana, a re: “A motho yo o botlhale a se ipelafatse ka botlhale jwa gagwe, le motho yo o thata a se ipelafatse ka thata ya gagwe, a mohumi a se ipelafatse ka khumo ya gagwe;

24 mme yo o ipelafatsang a a ipelafatse ka go re o a ntlhaloganya, o a nkitse fa ke le Jehofa yo ke dirang bopelonomi jwa lorato, le katlholo, le tshiamo, mo lefatsheng; gonne ke natefelwa ke dilo tseo,” go bua Jehofa.

25“Bonang, metlha e etla,” go bua Jehofa, “e ke tlaa betsang botlhe ba ba rupisitsweng mo bokgoleng jwa bone ka yone;

26Egepeto, le Juta, le Etome, le bana ba Amone, le Moabe, le botlhe ba ba sekotsweng ditlhogo, ba ba agileng mo nageng, gonne merafe yotlhe ga e a rupa, le ba ntlo ya Iseraele botlhe ga ba a rupa mo pelong.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help