PESALEMA 44 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya kgololo le tshireletsoPesalema ya bomorwa Kora. Masekile. Ya moopedi yo mogolo.

1Modimo, re ikutlwetse

ka ditsebe tsa rona,

borraarona ba re boleletse,

tiro e o kileng wa e dira

mo metlheng ya bone,

mo metlheng ya bogologolo.

2Wa nna wa leleka merafe

ka seatla sa gago,

mme wa tlhoma bone;

wa patika ditšhaba,

wa di phatlalatsa.

3Gonne ga ba a ka ba tsaya lefatshe

go le rua ka tšhaka ya bone,

le gone letsogo la bone

ga le a ka la ba boloka;

fa e se ka seatla sa gago se segolo,

le letsogo la gago,

le lesedi la sefatlhogo sa gago,

ka gobo o le ntlheng ya bone.

4Wena Modimo, o Kgosi ya me;

laolela Jakobe kgololo.

5Re tlaa diga baba ba rona ka wena;

ba ba re tsogologelang

re tlaa ba gataka ka leina la gago.

6Gonne ga nketla ke ikanya bora

jwa me; tšhaka ya me le yone

ga e ketla e mpoloka.

7Wena o re bolokile

mo babeng ba rona,

le ba ba re ilang

o ba tlhabisitse ditlhong.

8Re tlhotse re kgana ka Modimo

letsatsi lotlhe; leina la gago

re tlaa le ntshetsa malebogo

ka bosenabokhutlo. Sela.

9Jaana o re latlhile, o re tlotlolotse;

ga o bolole le dintwa tsa rona.

10O re buseditse kwa morago

ra tshaba mmaba; mme ba ba re ilang

ba ikgapela ka go rata.

11O re abile jaaka dinku

tse di tlhaoletsweng go jewa,

o re gasagasitse mo merafeng.

12O rekisa batho ba gago ka lefela,

mme ga o a oketsa khumo ya gago

ka tlhwatlhwa ya bone.

13 O re dira kgobo mo go bankarona,

tshotlo le setshego

mo go ba ba mo tikologong ya rona.

14O re tlhabile seane mo merafeng,

le thukhutho tlhogo mo ditšhabeng.

15Go tlotlologa ga me go fa pele

ga me ka letsatsi lotlhe,

ke bipilwe ke ditlhong

tsa sefatlhogo sa me.

16Ka ntlha ya lentswe la yo o kgobang

le yo o tlhapatsang;

le ka ntlha ya mmaba le mmusolosi.

17Gotlhe mo go re wetse;

le fa go ntse jalo ga re a go lebala,

le gone ga re a dira ka tsietso

mo kgolaganong ya gago.

18Pelo ya rona ga e a boela kwa

morago le gone dikgato tsa rona

ga di a theoga mo tseleng ya gago;

19le fa o re thubaganyeditse

mo mannong a bophokoje,

o re khurumeditse

ka moriti wa loso.

20A e re fa re kile ra lebala

leina la Modimo wa rona,

kgotsa ra otlololela

modimo o sele mabogo a rona;

21a goo mo, Modimo

a ga o ketla o go tlhotlhomisa?

Ka one o itse maoma a pelo.

22 Ee, re tlhola re bolawa

ka ntlha ya gago ka letsatsi lotlhe;

re kaiwa jaaka dinku tsa go tlhajwa.

23Morena tsoga! O robaletseng?

Tloga o eme,

se re latlhele ruri ka bosakhutleng.

24O fitlhelang sefatlhogo sa gago,

wa lebala go patikwa ga rona

le go bolawa ga rona jaana?

25Gonne mowa wa rona o obegetse

mo loroleng;

mpa ya rona e ngaparetse mmu.

26Tsogela go re thusa,

mme o re rekolole

ka ntlha ya bopelonomi jwa gago

jwa lorato.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help