ISAIA 9 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Botsalo jwa kgosi e e tlang ya kagiso

1 Ga go ketla go nna phifalo mo go ene yo o kileng a nna mo tlalelong e e mahehe. E kile ya re mo motlheng wa pele, a tsenya lefatshe la Sebulone mo nyatsegong, le lefatshe la Nafetali; mme mo motlheng wa morago o le dirile go nna kgalalelo, ka fa tseleng ya lewatle, kwa moseja ga Joretane, Galilea wa merafe.

2 Batho ba ba kileng ba sepela

mo lefifing

ba bonye lesedi le legolo;

ba ba kileng ba aga

mo lefatsheng la moriti wa loso,

lesedi le phatsimile mo go bone.

3O ntsifaditse morafe,

o totisitse boitumelo jwa bone;

ba itumela fa pele ga gago

ka fa boitumelong jwa thobo,

jaaka batho ba tle ba itumele

fa ba abalana thopo.

4Gonne jokwe ya morwalo,

le thobane ya tshikaro ya gagwe,

le serobi sa mopatiki,

o di robile

jaaka mo motlheng wa Midiane.

5Gonne diaparo tsa phemelo

tsa ba ba tlhomeletseng ntwa,

le dikobo

tse di tladikilweng mo mading,

di tlaa nna tsa go fisiwa fela,

e tlaa nna dilo tsa molelo fela.

6Gonne ngwana re mo tsaletswe,

ngwana wa mosimane re mo neilwe,

mme puso e tlaa nna

mo leruding la gagwe;

leina la gagwe le tlaa bidiwa:

“Kgakgamatso, Mogakolodi,

Modimo Mothata,

Rara wa Bosakhutleng,

Kgosana ya Kagiso.”

7 Ga go tota ga puso ya gagwe,

le ga kagiso ga go ketla go nna

le bokhutlo,

a le mo setulong sa bogosi

sa ga Dafite,

le mo bogosing jwa gagwe

go bo tlhomamisa,

le go bo tshegetsa ka katlholo

le ka tshiamo,

go tloga gompieno

go ya bosakhutleng.

Tlhoafalo ya ga Jehofa

wa masomosomo

e tlaa dirafatsa selo se.

Jehofa o tlaa otlhaya Iseraele

8Morena o isitse lefoko kwa go Jakobe, mme le ntse mo go Iseraele.

9Mme batho botlhe ba tlaa itse, le ene Eferaime, le banni ba Samaria ba ba buang ka boikgodiso le ka lesoko la pelo, ba re:

10“Makwete a ole, mme re tlaa aga ka maje a a betlilweng; masekamore a remilwe, mme re tlaa a fetola masetara.”

11Ke gone ka moo Jehofa o tlaa bayang baganetsi ba ga Resine kwa godimo, gore ba tlhabane nae, o tlaa tlhotlheletsa baba ba gagwe;

12e bong Basiria kwa pele, le Bafilisitia kwa morago; ba tlaa suputsa Iseraele ka legano le le atlhameng. Le fa go ntse jaana, bogale jwa gagwe ga bo a fapoga, letsogo la gagwe le sa ntse le lolame fela.

13Le fa go ntse jalo batho ga baa sokologela kwa go ene yo o ba iteileng, le gone ga ba a batla Jehofa wa masomosomo.

14Ke gone ka moo Jehofa o tlaa kgaolang Iseraele tlhogo le mogatla, kala ya mokolane le mokhasi, ka letsatsi le le lengwe fela.

15Motho yo mogologolo le motlotlegi, ke ene tlhogo; mme moperofeti yo o rutang maaka ke ene mogatla.

16Gonne ba ba gogang batho ba, ba ba timetsa, le ba ba gogwang ke bone ba a senngwa.

17Ke gone ka moo Morena ga a ketla a itumelela makau a bone, le gone ga a ketla a tlhomogela masiela a bone le basadi ba batlholagadi pelo: gonne mongwe le mongwe ke motlhapatsi le modirabosula; molomo mongwe le mongwe o bua dinyana. Mme le fa go ntse jaana bogale jwa gagwe ga bo a fapoga, letsogo la gagwe le sa ntse le lolame fela.

18Gonne tshiamololo e tuka jaaka molelo; o laila lokhi le lorwana: Ee, o tshuba mo ditswatsweng tsa sekgwa, mme di tsokolele kwa godimo di le dithogomosi tsa mosi fela.

19Lefatshe le šetse ruri ka bogale jwa ga Jehofa wa masomosomo; batho le bone ba ntse jaaka dilo tsa molelo fela; ga go ope yo o rekegelang ngwana wa ga rraagwe.

20Mme motho o tlaa phamola ka fa ntlheng ya letsogo le legolo, mme a nne a bolawe ke tlala fela; a je ka fa letsogong la molema, mme ba se ke ba kgora; motho mongwe le mongwe o tlaa ija nama ya letsogo la gagwe:

21Manase a je Eferaime, le Eferaime a je Manase; mme bone mmogo ba kopanele Juta. Le fa go ntse jaana bogale jwa gagwe ga bo a fapoga, letsogo la gagwe le sa ntse le lolame fela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help