SEFANIA 2 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Kopo ya boitshwarelo

1Phuthegang, ee, phuthegang, wena morafe o o se nang ditlhong;

2taolo e ise e tsale, le letsatsi le ise le fete jaaka mmoko, le bogale jo bo fisang bo ise bo tle mo go lona, le letsatsi la bogale jwa ga Jehofa le ise le tle mo go lona.

3Batlang Jehofa, lona bakgobaladi botlhe ba lefatshe; ba lo dirileng katlholo ya gagwe; batlang tshiamo, batlang kgobalalo; e ka tla ya re gongwe lwa sujwa mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa.

Katlholo ya ditšhaba tse di dikanyeditseng Iseraele

4 Gonne Gasa o tlaa tlogelwa, Ašekelone o tlaa nna tshwafalo; ba tlaa leleka Ašetote go le motshegare, le Ekerone o tlaa khumolwa.

5A bo go latlhega banni ba lefatshe le le ntlheng ya lewatle, morafe wa Bakerethe! Lefoko la ga Jehofa le tlhabana le lona, wena Kanana, lefatshe la Bafilisitia. “Ke tlaa go senya, mme ga go ketla go nna le monni.”

6Lefatshe le le ntlheng ya lewatle le tlaa nna mafulo le na le megopenyana ya badisa, le maraka a matsomane.

7Losi lwa lewatle lo tlaa nna lwa masalela a ba ntlo ya Juta; ba tlaa fudisa matsomane a bone mo go lone; ba tlaa itatsa ka maabanyane mo mantlong a Ašekelone; gonne Jehofa Modimo wa bone o tlaa ba lekola, mme o tlaa ba busa mo botshwarong jwa bone.

8 “Ke utlwile kgobo ya Moabe le dikgalo tsa bana ba amone, tse ba kgobileng batho ba me ka tsone, mme ba ikgodisetsa molelwane wa bone.

9 Ke gone ka moo, jaaka ke tshedile,” go bua Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele; “ruri Moabe o tlaa nna jaaka Sotoma, le bana ba Amore jaaka Gomora, e nna felo ga dikhi, le mahuti a lobu, le tshwafalo e e sa khutleng; masalela a batho ba me a tlaa ba thopa, le masalela a morafe wa me a tlaa ba ja boswa.”

10Se ke sone se ba tlaa se bonang ka ga boikgodiso jwa bone, ka ba kgobile, ba ikgodiseditse batho ba ga Jehofa wa masomosomo.

11Jehofa o tlaa nna poitshego mo go bone; gonne o tlaa tlhora medimo yotlhe ya lefatshe; mme batho ba tlaa obamela one, mongwe le mongwe a le felong ga gagwe, e bong ditlhake tsotlhe tsa merafe.

12 “Le lona Baethiopia, lo tlaa bolawa ka tšhaka ya me.”

13 O tlaa otlololela lefatshe la botsheka letsogo la gagwe, o tlaa senya Asiria, o tlaa swafatsa Ninefe le nna lokgere jaaka bobidibidi jwa naga.

14Matlhape a tlaa botha mo gare ga one, e bong ditshedi tsotlhe tsa merafe; khukara le noku di tlaa robala mo ditlhoeng tsa one, kodu ya tsone e tlaa lela mo diponeng; tshwafalo e tlaa nna fa mejakong, gonne o senotse tiro ya dikgong tsa masetara.

15O ke one motse wa boitumelo, o o kileng wa nna fela o sa re sepe, o o ne o bua mo pelong o re: “Ke nna yono, ga go na ope kwa ntle ga me.” O fetogile jang a nna tshwafalo e le felo ga dilo go botha teng; mongwe le mongwe o o fetang ka one, o tlaa otsa, a ba a ota seatla.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help