PESALEMA 52 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Katlholo le tshegofatso ya ModimoMasekile wa ga Dafite; ya jale fa Doege wa Moetome a tla a bolelela Saule, a re: Dafite o tsile mo ntlong ya ga Ahimeleke. Pina ya moopedi yo mogolo.

1O ipelafaletsang mo bosenying,

wena seganka?

Boutlwelobotlhoko jwa Modimo

bo nnetse ruri.

2Loleme lwa gago lo loga maano

a boikepo tota;

jaaka logare lo lo bogale,

lo dira ka tsietso.

3O rata bosula bogolo go molemo;

le go aka

bogolo go go bua tshiamo. Sela.

4O rata mafoko otlhe a a senyang,

wena loleme lo lo tsietsang.

5Modimo o tlaa go senya jalo

ka bosakhutleng;

o tlaa go tsaya o go phamola

mo mogopeng wa gago,

o tlaa go khumola ka metswe

mo lefatsheng la batshedi. Sela.

6Basiami le bone ba tlaa go bona,

ba boifa,

mme ba tlaa mo tshega, ba re:

7“Bonang, monna yo, ke ene

yo o neng a se ka a dira

Modimo thata ya gagwe;

mme a ikanya bontsi

jwa dikhumo tsa gagwe,

a ba a ithatafatsa

mo boikepong jwa gagwe.”

8Mme ka ga me,

ke tshwana le motlhware

o motala mo ntlong ya Modimo:

ke ikanya boutlwelobotlhoko

jwa Modimo

ka bosakhutleng le ka bosaengkae.

9Ke tlaa go ntshetsa malebogo

ka bosakhutleng, ka o go dirile;

ke tlaa lebelela leina la gago,

gonne le molemo,

fa pele ga baitshepi ba gago.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help