PESALEMA 99 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Modimo ke kgosi e e busang gotlhe

1 Jehofa o a busa;

a ditšhaba di rorome;

o ntse mo ditšherubeng;

a lefatshe le tshikinyege.

2Jehofa o mogolo mo Sione;

mme o kwa godimo,

godimo ga ditšhaba tsotlhe.

3A ba bake leina la gago le legolo,

le le boitshegang;

go boitshepo ene.

4Nonofo ya kgosi le yone

e rata katlholo;

o tle o tlhomamise tekatekanyo,

o dirafatse katlholo le tshiamo

mo go Jakobe.

5Lona, goletsang Jehofa, Modimo

wa rona, lo obame fa sebeong

sa dinao tsa gagwe;

go boitshepo ene.

6Moše le Arone mo baperesiting

ba gagwe, le Samuele

mo go ba ba bitsang leina la gagwe;

bone ba ba neng ba bitsa Jehofa,

mme a ba araba.

7 A bua nabo

a le mo mosepuring wa leru;

ba ne ba boloka ditshupo tsa gagwe,

le molao o o emeng,

o o o ba neileng.

8O ne wa ba araba

Jehofa, Modimo wa rona:

O ne o le Modimo

o o ba itshwarelang,

le fa o tsaya tefetso

mo madirong a bone.

9Goletsang Jehofa,

Modimo wa rona,

mme lo obame kwa thabaneng

ya gagwe e e boitshepo;

gonne Jehofa Modimo wa rona

o boitshepo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help