PESALEMA 72 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya kgosi ya go lopa tshiamoPesalema ya ga Solomone.

1Naya kgosi dikatloholo tsa gago

Modimo, le morwa kgosi

o mo neye tshiamo ya gago.

2O tlaa atlhola batho ba gago

ka tshiamo, le bahumanegi ba gago

ka tshekatsheko.

3Dithaba di tlaa leretse batho kagiso,

le dithabana, mo tshiamong.

4O tlaa atlhola bahumanegi ba batho,

bana ba batlhoki o tlaa ba boloka,

mme mopatiki o tlaa mo phatlakanya.

5Ba tlaa nna ba go boifa

ka letsatsi le sa leyo,

le kgwedi e sa leyo,

mo ditshikatshikeng.

6O tlaa na jaaka pula

e e nang bojang jo bo segilweng,

jaaka medupe e e nosang lefatshe.

7Mo metlheng ya gagwe

basiami ba tlaa thama;

go tlaa nna letlotlo la kagiso,

go tle go tsamaye

kgwedi e tlhokafalele ruri.

8 O bile o tlaa nna le puso

go tswa lewatleng go ya lewatleng,

le go tswa Nokeng

go ya dikhutlong tsa lefatshe.

9Ba ba agileng mo dinageng

ba tlaa obama fa pele ga gagwe;

le baba ba gagwe

ba tlaa latswa lorole.

10Dikgosi tsa Tarešiše le tsa ditlhake

di tlaa tlisa dimpho;

dikgosi tsa Sheba le Seba

di tlaa isa dineo.

11Ee, dikgosi tsotlhe

di tlaa wela fa pele ga gagwe;

merafe yotlhe e tlaa mo direla.

12Gonne o tlaa golola motlhoki

mogang o lelang;

le mohumanegi

yo o se nang mothusi.

13O tlaa tlhomogela bahumanegi

le batlhoki pelo;

mme mewa ya batlhoki

o tlaa e boloka.

14O tlaa golola mewa ya bone

mo pogisong le mo thubakong;

mme madi a bone a tlaa tlotlega

mo matlhong a gagwe;

15mme ba tlaa tshela;

ene o tlaa newa gouta ya Sheba;

batho ba tlaa nna

ba mo rapelela ka gale;

ba tlaa mmaka ka letsatsi lotlhe.

16Go tlaa nna letlotlo

la mabele mo lefatsheng,

mo ditlhoeng tsa dithaba;

loungo lwa one lo tlaa ebelega

jaaka Lebanone;

mme ba e leng ba motse

ba tlaa kgaba

jaaka bojang jwa lefatshe.

17Leina la gagwe le tlaa emela ruri

ka bosakhutleng;

leina la gagwe le tlaa nna le isiwa

kwa pele ka letsatsi le sa leyo;

batho ba tlaa segofala mo go ene;

merafe yotlhe

e tlaa mmitsa mosegofadiwa.

18A go bakwe Jehofa Modimo,

Modimo wa Iseraele,

yo o dirang dikgakgamatso a le esi;

19a go bakwe leina la gagwe

le le galalelang ka bosakhutleng;

mme a lefatshe lotlhe

le tlale kgalalelo ya gagwe.

A go nne jalo, fela jalo.

20Merapelo ya ga Dafite Morwa Jese

e khutlile.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help