PESALEMA 111 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Pabalelo ya Morena mo bathong ba gagwe

1Bakang Jehofa.

Ke tlaa ntshetsa Jehofa

malebogo ka pelo yotlhe ya me

mo lekgotleng la bathokgami,

le mo phuthegong.

2Ditiro tsa ga Jehofa di kgolo,

di tlhotlhomisiwa ke botlhe

ba ba kgatlhegang mo go tsone.

3Tiro ya gagwe ke tlotlo le borena,

mme tshiamo ya gagwe

e eme ka bosakhutleng.

4O dirile gore ditiro tsa gagwe

tse di gakgamatsang di gakologelwe;

Jehofa o pelotshweu,

o tletse pelotlhomogi.

5Ba ba mmoifang o ba neile dijo;

o tlaa nna a gakologelwa

kgolagano ya gagwe ka gale.

6O supeditse batho ba gagwe thata

ya ditiro tsa gagwe,

ka go ba naya boswa jwa merafe.

7Ditiro tsa diatla tsa gagwe

ke boammaaruri le tshiamiso;

dikaelo tsotlhe tsa gagwe

di tlhomame.

8Di tlhomamisitswe ka bosakhutleng

le ka bosaengkae,

di dirilwe mo boammaaruring

le mo thokgamong.

9O iseditse batho ba gagwe kgololo;

kgolagano ya gagwe

o e laoletse ruri;

leina la gagwe le boitshepo,

le a sisimogwa.

10 Go boifa Jehofa

ke tshimologo ya botlhale

botlhe ba ba dirang ka ga gone

ba na le tlhaloganyo e e molemo;

pako ya gagwe e eme

ka bosakhutleng.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help