PESALEMA 32 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Lesego la go itshwarelwa maleoPesalema ya ga Dafite. Masekile.

1 Go sego ene yo tlolo ya gagwe e

itshwaretsweng,

yo boleo jwa gagwe bo bipilweng.

2Go sego motho

yo Jehofa o sa mmaleleng boikepo,

le yo tsietso e seyong mo moweng

wa gagwe.

3E rile ke didimetse,

marapo a me a onala

ka go bokolela ga me

ka letsatsi lotlhe.

4Gonne seatla sa gago

se ne se le boima mo go nna

motshegare le bosigo;

longola lwa me lwa fetoga

jaaka ekete komelelo ya selemo.

5 Ke ne ka go ipolelela boleo jwa me,

le boikepo jwa me ga ke a bo fitlha.

Ke rile: “Ke tlaa ipolelela Jehofa

ditlolo tsa me,”

mme wa itshwarela molato

wa boleo jwa me. Sela.

6Ka ntlha ya gone mo,

a mongwe le mongwe yo e leng

moetsa Modimo a go rapele

mo motlheng o o ka bonwang ka one;

ruri motlhang metsi a magolo

a penologang

ga a ketla a ba a fitlha kwa go ene.

7Wena o boitshubelo jwa me;

o tlaa ntibela mo khuduegong;

o tlaa ntikanyeletsa

ka meduduetso ya kgololego. Sela.

8Ke tlaa go laya ke go ruta

tsela e o tlaa tsamayang ka yone;

ke tlaa go gakolola, leitlho la me

le ntse le le mo go wena.

9Se nneng jaaka pitse

le fa e le jaaka mmoulo,

tse di se nang tlhaloganyo;

tse go apara ga tsone

e tshwanetseng go nna tshipi

le dikgole go di thiba,

ka di ka tla tsa gana go go atamela.

10Mahutsana a le mantsi

a tlaa nna mo moikeping;

ene yo o ikanyang Jehofa,

boutlwelobotlhoko

bo tlaa mo dikanyeletsa.

11Itumeleng mo go Jehofa,

lo bo lo ipele lona basiami;

duduetsang ka boitumelo

lona lotlhe ba lo leng thokgamo

mo pelong.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help