PESALEMA 86 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya go tswelela pele ga kutlwelobotlhoko ya ModimoMorapelo wa ga Dafite.

1Sekega tsebe ya gago, Jehofa,

mme o nkarabe,

gonne ke humanegile, ke a tlhoka.

2Dibela mowa wa me,

gonne ke moetsa Modimo;

wena Modimo wa me,

boloka motlhanka wa gago

yo o go ikantseng.

3Nkutlwela botlhoko Morena,

gonne ke tlhola ke biletsa

kwa go wena letsatsi lotlhe fela.

4Itumedise mowa wa motlhanka

wa gago;

gonne ke tsholeletsa mowa wa me

koo go wena Morena.

5Gonne wena, Morena, o molemo,

o iketleeditse go itshwarela; o bile

o letlotlo la boutlwelobotlhoko

mo go botlhe ba ba go bitsang.

6Jehofa, beela morapelo wa me tsebe;

o bo o reetse

lentswe la mekokotlelo ya me.

7Ke tlaa re mo letsatsing

la tlalelo ya me ke go bitse,

gonne o tlaa nkaraba.

8Morena, ga go na ope

yo o tshwanang nao mo medimong,

le gone ga go na ditiro dipe

tse di tshwanang le ditiro tsa gago.

9 Merafe yotlhe e o e dirileng

e tlaa tla e obama fa pele ga gago;

e tlaa galaletsa leina la gago;

10gonne o mogolo,

mme o dira

ditiro tse di gakgamatsang;

o Modimo o o osi.

11Nthuta tsela ya gago, Jehofa;

ke tlaa tsamaya

mo boammaaruring jwa gago;

kitlanya pelo ya me

e tle e boife leina la gago.

12Ke tlaa go baka

Morena Modimo wa me,

ka pelo ya me yotlhe fela;

ke tla galaletsa leina la gago

ka bosenabokhutlo.

13Gonne boutlwelobotlhoko jwa gago

bo bogolo kwa go nna;

mme o swatotse mowa wa me

mo moleteng o o kwa tengteng.

14Modimo, bapelompe

ba ntsogologetse;

le phuthego

ya banna ba ba thubakang

e tsomile mowa wa me;

ga ba a go baya fa pele ga bone.

15Mme wena Morena,

o Modimo,

o o tletseng pelotlhomogi,

o pelotshweu, o bonya go galefa,

o letlotlo la boutlwelobotlhoko

le boammaaruri.

16A ko o sokologele kwa go nna,

o nkutlwele botlhoko;

thata ya gago

o e neye motlhanka wa gago,

mme o boloke morwa lelata la gago.

17Mpontsha sesupo se se kayang

molemo,

gore ba ba nkilang ba se bone,

ba tlhajwe ke ditlhong,

gonne wena, Jehofa,

o nthusitse, o bile o nkgomoditse.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help