JEREMIA 2 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jehofa o babalela Iseraele

1Lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna la re:

2“Ya o kue mo ditsebeng tsa Jerusalema o re: Go bua jaana Jehofa, a re:

“Ke gakologetswe ka ga gago,

bopelonomi jwa boroba jwa gago,

lorato lwa peelelo ya gago;

jaaka o ne wa ntshala morago

mo nageng mo lefatsheng

le le neng le sa lengwa.

3Iseraele o ne a le boitshepelo Jehofa,

mabutswapele a totafalelo ya gagwe;

botlhe ba ba mo jang ba mo fetsa,

ba tlaa kaiwa molato;

bosula bo tlaa ba wela,

go bua Jehofa.”

Boleo jwa Bagolwane ba Iseraele

4Utlwang lefoko la ga Jehofa

lona ba ntlo ya ga Jakobe,

le ba makgotla otlhe a Iseraele:

5Go bua jaana Jehofa, a re:

“Borraeno ba bonye tshiamololo

efe mo go nna,

fa e bo ne ne ba ile kgakala le nna,

mme ba latetse boithamako,

ba thamakafetse jaana?

6Le gone ga baa ka ba re:

‘O kae Jehofa yo o re ntshitseng

mo lefatsheng la Egepeto;

yo o re gogileng a re ralatsa naga,

a re goga mo lefatsheng la dikaka

le la melete,

mo lefatsheng la lokgere

le moriti wa loso,

mo lefatsheng le ope o sa le

ralaleng,

le kwa go sa agang ope teng?’

7Ka lo lere mo lefatsheng la letlotlo,

lwa tla go ja loungo lwa lone,

le molemo wa lone;

mme e rile lo tsena,

lwa leswefatsa lefatshe la me,

lwa kgaphafatsa boswa jwa me.

8Baperesiti ga ba a ka ba re:

‘Jehofa o kae?’

le ba ba tshwarang molao

ba ne ba sa nkitse;

le badisa ba ne ba ntlolela,

le baperofeti ba perofesa ka Baale,

ba sala dilo tse di se nang thuso

morago.”

Jehofa o sekisa Iseraele

9“Ke gone ke tlaa fela

ke sa ntse ke ganetsanya le lona,”

go bua Jehofa,

“le bana ba bana ba lona

ke tlaa ganetsanya nabo.

10Gonne kgabaganyetsang kwa

ditlhakeng tsa Kupero,

mme lo bone;

lo romele kwa Ketare,

lo akanye thata;

lo bone, bo go kile ga ne

go le tiro nngwe e e ntseng jalo.

11A morafe mongwe o kile wa ananya

medimo ya one,

le mororo e se medimo ya sepe?

Mme batho ba me

ba anantse se se senang thuso

ka kgalalelo ya bone.

12Lona magodimo lo gakgamalele

selo se, mme lo boife

mo go remang marapo,

lo swafale thata,” go bua Jehofa.

13“Gonne batho ba me

ba dirile masula a le mabedi;

ba latlhile nna yo ke leng motswedi

wa metsi a a tshedileng,

mme ba ikgabetse madu,

madu a a phunyegileng,

a a sa kakeng a tshegetsa

metsi ape.”

Katlholo ya bosula jwa Iseraele

14“Iseraele a o motlhanka?

A o motlhanka

yo o tsaletsweng mo gae?

Ana go ntse jang ka a bile a ntse

thopo fela?

15Ditau di ntse di mo dumela,

di ntshitse dikodu tsa tsone:

mme di kgakgabaditse lefatshe la

gagwe;

metse ya gagwe

e fisitswe ka molelo,

ga e na banni.

16Le bana ba Nofe le Tapanehese

ba kutile phogo ya tlhogo ya gago.

17Golo mo a ga o a go iteretse,

ka o latlhile Jehofa Modimo

wa gago jale ka a go goga

mo tseleng?

18Mme jaanong o na le eng

se o se dirang mo tseleng

e e yang Egepeto,

go nwa metsi a Shihore?

Kgotsa o na le eng se o se dirang

mo tseleng e e yang Asiria,

go nwa metsi a Noka?

19Boikepo jwa gago tota

bo tlaa go otlhaya,

le ditenego tsa gago

di tlaa go kgalemela;

ke gone itse o bo o bone

fa e le selo se se bosula,

le se se galakang, jaaka e le fa

o latlhile Jehofa

Modimo wa gago,

e bile go mpoifa

go seyo mo go wena,

go bua Jehofa Modimo wa

masomosomo.”

Baiseraele ba gana go obamela Jehofa

20“Gonne ke sa le ke roba jokwe ya

gago bogologolo,

ka komoganya dikgolego tsa gago;

mme o rile:

‘Ga nketla ke mo direla’;

gonne mo thoteng nngwe le nngwe e

e godileng,

le fa tlase ga setlhare sengwe

le sengwe se setala,

o ne wa ikoba, wa akafala.

21Le fa go ntse jalo

ka bo ke ne ke go tlhomile

o le mofine o montlentle,

o le peo e e siameng ruri;

ana o senyegile jang

wa nna setlhatshana fela

sa mofine o sele mo go nna?

22Gonne le fa o itlhapisa ka logolo,

mme go itseela molora o le motona,

le fa go ntse jalo

boikepo jwa gago

bo ntse setshubaba fela

fa pele ga me”,

go bua Jehofa Modimo.

23“O ka bua jang, wa re:

‘Ga ke a leswefala,

ga ke a latela boBaale?’

Bona mokgwa wa gago mo

molapong,

itse se o se dirileng;

o kamelana e e lobelo

e e itsayatsayang motlhala.

24O esela ya nageng

e e tlwaetseng bogareganaga,

e e dupelelang mowa

mo keletsong ya yone;

mo palogong ya yone

e mang yo o ka e sokololang?

Tsotlhe tse di e tlhokang

ga di ketla di ipolaisa letsapa;

e tlaa re mo kgweding ya yone

ba tlaa e bona fela.

25“O ithibe, gore o se ka wa nna lonao lo lo sa rwalang, le gore o se nne mometso o o lenyora; mme o rile: ‘Ga go na tsholofelo; nnyaa, ka gonne ke ratile baeng, mme ke bone ba ke tlaa ba latelang.’

Iseraele o lebagane le go atlholwa

26“Jaaka legodu le tle le tlhajwe ke ditlhong fa le tshwerwe, ba ntlo ya Iseraele ba tlhajwa ke ditlhong jalo; bone le dikgosi tsa bone, le dikgosana tsa bone, le baperesiti ba bone, le baperofeti ba bone;

27ba ba rayang logong ba re: ‘O rre’; le lentswe ba re: ‘O ntsetse,’ gonne ba nneile dikotla e seng difatlhogo; mme mo motlheng wa tlalelo ya bone ba tlaa re: ‘Nanoga, o re boloke.’

28“E kae medimo ya gago e o e itiretseng? A go nanoge yone, fa e na le go go boloka mo motlheng wa tlalelo ya gago; gonne medimo ya gago e kana ka palo ya metse ya gago, wena Juta.

29Ana lo ganeletsanyang le nna?” Lo ntloletse lotlhe. Go bua Jehofa.

30“Bana ba lona ke ba diteetse lefela; ga baa ka ba amogela thuto epe; tšhaka ya lona tota e biladitse baperofeti ba lona, jaaka tau e e senyang.

31Ao losika ke lona, lo bo lo bone lefoko la ga Jehofa. A ke ntse ke ntse jaaka naga fela mo go Iseraele? Kgotsa lefatshe la lefifi le lentsho? Ana batho ba me ba buelang ba re: ‘Re thobile; ga re ketla re tlhola re ya koo go wena’?

32A morweetsana o ka lebala mekgabo ya gagwe? Kgotsa monyadwi diaparo tsa gagwe? Le fa go ntse jalo batho ba me ba ntebetse ka malatsi a a se nang palo.

33Ana o baakanya jang tsela ya gago o ya go batla lorato! Ke gone ka moo le ba e leng basadi ba ba bosula o ba rutile mekgwa ya gago.

34Le mo dikojeng tsa diaparo tsa gago go fitlhelwa madi a bahumanegi ba ba se nang molato; ga o a ba tshwara mo felong fa go phuntsweng ntlo teng, fa e se mo mafelong a otlhe fela.

35Le fa go ntse jalo, o rile: ‘Ga ke na molato; ruri bogale jwa gagwe boa bo bo boile mo go nna.’ Bona, ke tlaa seka nao, ka o re: ‘Ga ke a leofa.’

36Ana o kgabatlolegelang mo go kanakana, o re o fetola mokgwa wa gago? O tlaa tlhajwa ke ditlhong le ka Egepeto, jaaka o ne wa tlhajwa ke ditlhong ka Asiria.

37Le kwa go ene o tlaa tswa o ithwele megono fela, gonne Jehofa o ganne ba o ba ikantseng, mme ga o ketla o tlhogonolofala mo go bone.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help