PESALEMA 112 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Letlhogonolo ke la yo o boifang Jehofa

1Bakang Jehofa.

Go sego monna yo o boifang

Jehofa, yo o kgatlhegang thata

mo ditaolong tsa gagwe.

2Losika lwa gagwe lo tlaa

natlafala thata mo lefatsheng;

bana ba mothokgami

ba tlaa segofala.

3Khumo e mo ntlong ya gagwe,

le letlotlo; le tshiamo ya gagwe

e eme ka bosakhutleng.

4Mothokgami o tlhagelwa ke lesedi

mo lefifing; o pelotshweu,

o tletse pelotlhomogi, o siame.

5Go tle go atlegele motho yo o

direlang batho ka bopelotshweu

a ntshe a adime fela;

o tlaa emela mafoko a gagwe sentle

fa go le tsheko.

6Gonne ga a ketla a tshikinngwa

gope; mosiami o tlaa nna a gopolwa

ka bosenabokhutlo.

7Ga a ketla a tshosiwa

ke mafoko a a bosula;

pelo ya gagwe e nitame,

e ikantse Jehofa.

8Pelo ya gagwe e tlhomame,

ga a ketla a boifa, go tle go tsamaye

a bone keletso ya gagwe

mo babeng ba gagwe.

9 O gasitse, o file batlhoki;

tshiamo ya gagwe e eme ka

bosakhutleng: lonaka lwa gagwe

lo tlaa golediwa ka tlotlo.

10Moikepi o tlaa go bona,

mme a hutsafale

o tlaa huranya meno,

mme a tlhapologele koo;

keletso ya moikepi e tlaa nyelela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help