JOBE 41 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1 “A o ka goga kwena

wa e ntshetsa kwa ntle

ka kgoge ya tlhapi,

kgotsa a o ka gatelela loleme

lwa yone ka lodi?

2A o ka tsenya mogala wa mokhasi

mo nkong ya yone,

kgotsa a o ka phunya lotlhaya

lwa yone ka lomapo?

3A e ka go direla mekokotlelo

e le mentsi,

kgotsa a e ka bua nao mafoko

a a bonolo?

4A e tlaa dira nao kgolagano

ya go ka o e tsaya ya nna motlhanka

wa gago ka bosakhutleng?

5A o ka tshameka nayo

jaaka fa e ka bo e le nonyane?

Kgotsa a o tlaa e golegela

barweetsana ba gago?

6A masomo a batshwari ba ditlhapi

a tlaa e ntsha tlhwatlhwa?

A ba tlaa e kgaoganya mo bareking?

7A o ka rothotha letlalo la yone

ka marumo a dikobe,

kgotsa tlhogo ya yone ka marumo

a ditlhapi?

8Baya seatla sa gago mo go yone;

o gakologelwe go loma ga yone,

mme ga o ketla o tlhola o dira jalo.

9Bona, tsholofelo ya go e tshwara

ke lefela, a motho ga a tlhoboge

le fa a e bona fela?

10Ga go na ope

yo o pelokgale ya go e kgotla;

mme foo yo o ka emang

fa pele ga me e mang?

11 E mang yo o simolotseng

a nnaya pele, fa e bo ne ne

ke ka busetsa mo go ene?

Sengwe le sengwe se se fa tlase

ga legodimo lotlhe ke sa me.

12“Ga nketla ke didimala

ka ga ditokololo tsa yone,

le fa e le nonofo e kgolo ya yone,

le fa e le popego ya yone

e e lekalekanyeng sentle.

13E mang yo o ka e khumolotsang

seaparo sa ka fa ntle?

E mang yo o ka tsenang ka fa teng

ga ditlhaya tsa yone

tse di tlhatlaganyeng?

14E mang yo o ka bulang

ditswalo tsa sefatlhogo sa yone?

Meno a yone a dikologilwe

ke therego.

15Makape a yone a a thata

ke pelafalo ya yone, a kitlantswe

jaaka e ka bo e le ka sekano

se se pitlaganyang.

16Le lengwe le atamalanye

le le lengwe thata,

go bile go retelela le phefo

go tsena fa gare ga one.

17A lomaganye mmogo;

a ngaparalanye,

ga a kake a patologanngwa.

18Maethimolo a yone

a ntsha ditlhase tsa lesedi,

matlho a yone

a tshwana le dintshi tsa matlho

a moso.

19Ditime tse di tukang

di tswa mo ganong la yone,

le ditlhase tsa molelo di tswe.

20Mo dinkong tsa yone

go tswe mosi jaaka ekete wa pitsa

e e apeileng le motsitla o o šang.

21Pudulo ya yone e tshuba magala,

kgabo ya molelo

e tswa mo ganong la yone.

22Thata e nna mo thamong ya yone,

theregiso e bina fa pele ga yone.

23Matlhatlhagano a nama ya yone

a ngaparalanye,

a kwenne mo go yone;

ga a kake a tshikinngwa.

24Pelo ya yone e kwenne

jaaka lentswe;

ee, e kwenne jaaka lolwala.

25Fa e itsholetsa, ba ba thata ba boife,

be tlhakane tlhogo

ka ntlha ya go tlakasela.

26Fa motho a e losa ka tšhaka,

ga go thuse sepe,

le fa e le ka lerumo, le ka motswi,

le ka logong lo lo tlhokoditsweng.

27E kaya tshipi jaaka lotlhaka,

le kgotlho jaaka kono

fela.

28Motswi ga o kake wa e tshabisa;

majana a motsekedi

a fetoga dirite mo go yone.

29Melamu e kaiwe jaaka dirite,

e tshege go ibalala ga putlela.

30Ka kwa mpeng ga yone

go etsa dipeana tse di dintlha

di bogale, e e beye sephara

ekete ke koloi e fola mo marageng.

31E bedise boteng jaaka pitsa,

e dire lewatle go nna jaaka setlolo.

32E dira tsela e e phatsimang

morago ga yone;

motho a gopole go re

boteng bo thuntse.

33Mo lefatsheng ga go na sepe

se se tshwanang nayo,

e le se se se nang poifo.

34E tle e lebe sengwe le sengwe

se se goletsegileng;

ke kgosi godimo ga bana

ba boikgodiso botlhe

fela.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help