PESALEMA 36 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Bosula jwa mothoPesalema ya ga Dafite, motlhanka wa ga Jehofa. Ya moopedi yo mogolo.

1 Tlolo ya moikepi

e bua mo pelong ya me,

ya re: Ga go na poifo ya Modimo

fa pele ga matlho a gagwe.

2Gonne o iphora mo matlhong

a gagwe, a re,

boikepo jwa gagwe ga bo ketla

bo lemogwa, bo ilwa.

3Mafoko a molomo wa gagwe

ke boikepo le tsietso fela;

o baketse go nna botlhale

le go dira molemo.

4O loga maano a boikepo

mo bolaong jwa gagwe;

o ipaya mo tseleng

e e seng molemo;

ga a feretlhwe ke bosula.

Lorato lwa Modimo lo lo tlhomameng

5Bopelonomi jwa gago jwa lorato

Jehofa, bo kwa magodimong;

boikanngo jwa gago

bo fitlha kwa marung.

6Tshiamo ya gago e tshwana

jaaka dithaba tsa Modimo;

dikatlholo tsa gago

ke lediba le le boteng jo bogolo;

Jehofa, o tlamela batho le ditshedi.

7Ana bopelonomi jwa gago jwa lorato

bo botlhokwa jang, Modimo!

E bile bana ba batho ba tshabela

mo moriting wa diphuka tsa gago.

8Monono wa ntlo ya gago

ba tlaa o kgora thata;

o tlaa ba nosa ka noka

ya tse di natefang tsa gago.

9Gonne motswedi wa botshelo

o ntse nao;

mo leseding la gago

re tlaa bona lesedi.

10A o ko o tsweleleletse bopelonomi

jwa gago jwa lorato

mo go ba ba go itseng;

le tshiamo ya gago

mo go ba ba dipelo di thokgameng.

11A lonao lo lo mabela

lo se tle fa go nna;

a seatla sa moikepi se se nkgarametse.

12Gone ba ba dirang boikepo ba ole;

ba gateletswe,

mme ga ba ketla ba nonofa go tsoga.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help