PESALEMA 75 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Modimo ke moatlhodi wa tsotlhePesalema ya ga Asafe, Sefela. Ya moopedi yo mogolo; e laeletswe Alatašahetha.

1Re go ntshetsa malebogo

Modimo; re a leboga,

gonne leina la gago le le gaufi;

batho ba bolela ditiro tsa gago

tse di gakgamatsang.

2Ke tlaa re ke bona

lobaka lo lo tlhomilweng,

ke atlhole ka thokgamo.

3Lefatshe le tlhapologile

le banni botlhe ba lone;

ke emisitse maotwana a lone. Sela.

4Ke reile baikokomatsi ka re:

“Se direng ka boikokomatso;”

le baikepi ka re:

“Se tsholetseng lonaka.

5Se tsholeletseng lonaka lwa lona

kwa godimo;

se bueng ka thamo

e e tlhamaletseng.”

6Gonne go tsholetsega

ga go tswe kwa botlhabatsatsi

le fa e le kwa bophirimatsatsi,

le fa e le kwa borwa.

7Moatlhodi ke Modimo;

o isa mongwe tlase,

mme o tsholetse yo mongwe.

8Gonne mo seatleng sa ga Jehofa

go na le phafana, mme

bojalwa jwa mofine bo a huhula;

e tletse mo go tlhakantsweng;

mme o tshela ga yone eo;

ruri magorogoro a yone

baikepi botlhe ba lefatshe

ba tlaa a gopisa ba a nwa.

9Mme nna ke tlaa nna ke bolela

ka bosakhutleng;

ke tlaa nna ke opelela

Modimo wa ga Jakobe dipako.

10Dinaka tsotlhe tsa baikepi le tsone

ke tlaa di kgaola;

mme dinaka tsa basiami

di tlaa tsholediwa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help