DIKHUTSAFALO 4 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jerusalema a sena go wa

1Ana gouta e kgonne jang!

Gouta e e itshekileng thata

e fetogile jang?

Maje a felo ga boitshepo

a thelegetse fa dibaeng

tsa mebila yotlhe fela.

2Bomorwa Sione

ba ba tlhekeeditsweng,

ba ba tshwantshiwang

le gouta e e itshekileng,

ba kaiwa jang

jaaka dinkgwana tsa letsopa,

tiro ya diatla tsa mmopi wa dipitsa!

3Le e leng bophokoje

ba tle ba ntshe letsele

ba amuse bana ba bone,

morwadia batho ba me

o fetogile bolalome,

o ntse jaaka bontšhe mo nageng.

4Loleme lwa ngwanyana yo o anyang

lo ngaparela magalapa a gagwe

ka lenyora,

banyana ba lopa senkgwe,

mme ga go na motho ope

yo o se ba ngathelang.

5Ba ba kileng ba ja mo letlepung

ba bile ba swafetse mo mebileng,

ba ba otlilweng

ba apere bohibidu jo bo letlhololo

ba bile ba ngaparetse dithotobolo.

6 Gonne boikepo jwa morwadia batho

ba me bo feta boleo jwa Sotoma,

o o ribegeditsweng

ka ponyo ya leitlho,

go sa bewa diatla dipe mo go ene.

7Batho ba gagwe ba batona

ba kile ba ne ba itshekile

bogolo go kapoko,

ba le basweu bogolo go maši;

mo mmeleng ba ne ba le bohibidu

bogolo go korala,

go redimoga ga bone go ne go ntse

jaaka ga safire.

8Ponalo ya bone

e ntsho bogolo go magala;

ga ba itsiwe mo mebileng,

letlalo la bone

le ngaparetse marapo a bone;

le sosobaganye,

le ntse jaaka logong fela.

9Ba ba bolawang ka tšhaka

ba gaisa ba ba bolawang

ke go bopama;

gonne bao ba tlhorega fela,

ba topetswe ke go tlhoka

maungo a masimo.

10 Diatla tsa basadi

ba ba pelonamagadi

di apeile bana ba bone tota;

e ne e le dijo tsa bone

mo tshenyegong

ya morwadia batho ba me.

11Jehofa o dirafaditse tšararego

ya gagwe,

o goromeditse bogale jwa gagwe

jo bo tukang;

o tshubile molelo mo Sione

o o laitseng metheo ya teng.

12Dikgosi tsa lefatshe

ga di a ka tsa dumela,

le fa e le banni botlhe ba lefatshe,

fa moganetsi le mmaba ba ka tsena

mo dikgorong tsa Jerusalema.

13Ke ka ntlha ya maleo

a baperofeti ba gagwe,

le maikepo a baperesiti ba gagwe,

ba ba tsholotseng madi a basiami

mo gare ga gagwe.

14Ba kaila fela

jaaka difofu mo mebileng,

ba leswefetse ka madi,

batho ba bile ba retelelwa

ke go ama diaparo tsa bone.

15Ba ne ba ba goelela, ba re:

“Tlogang, lo maswe!

Tlogang, tlogang, se ameng.”

E rile ba tshaba ba timela,

batho ba bua mo merafeng ba re:

“Ga ba ketla ba tlhola ba jaka

mono.”

16Bogale jwa ga Jehofa

bo ba kgaogantse;

ga a ketla a tlhola a ba tlhokomela.

Ga ba a ka ba tlotla

sebele sa baperesiti,

ga ba a ka ba ya

ntlheng ya bagolwane.

17Matlho a rona a sa ntse a bokalala

ka go senka thuso ya rona ya lefela;

mo go lebeleng ga rona

re lebeletse morafe

o o ne o sa kake wa boloka.

18Ba tsoma dikgato tsa rona,

re bile re retelelwa ke go tsamaya

mo mebileng ya rona.

Bokhutlo jwa rona bo gaufi,

malatsi a rona a fetile;

gonne bokhutlo jwa rona bo fitlhile.

19Bakonatedi ba rona ba ne ba le

bofefo bogolo go

bontswi ba batona ba loapi;

ba re lelekile mo dithabeng

ba re laletse mo gare ga naga.

20Mowa wa dinko tsa rona,

e bong motlodiwa wa ga Jehofa

o ne a tshwarwa ka mamena a bone;

ene yo re buileng ka ga gagwe, ra re:

“Re tlaa aga mo merafeng

re le fa tlase ga moriti wa gagwe.”

21Wena morwadia Etome,

yo o agileng mo lefatsheng la Use,

itumele o ipele; senwelo

se tlaa ralalela le kwa go wena;

o tlaa tagwa, mme o tlaa itsola.

22Kgophololelo ya boikepo jwa gago

e dirafetse,

wena morwadia Sione;

ga a ketla a tlhola

a go isa botshwarong;

o tlaa sekisa boikepo jwa gago,

wena morwadia Etome;

o tlaa senola maleo a gago.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help