MATHAIO 3 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Johane Mokolobetsi(Mar 1:1-8; Luke 3:1-18; Joh 1:19-28)

1E rile mo metlheng eo ga tla Johane Mokolobetsi, a rera mo nageng ya Jutea a re:

2 “Ikwatlhayeng, gonne bogosi jwa legodimo bo atametse.”

3 Gonne yo, ke ene yo Isaia moperofeti o ne a bua ka ga gagwe, a re: “Lentswe la mongwe yo o kuang mo nageng a re: Baakanyang mmila wa Morena, siamisang ditsela tsa gagwe.”

4 Jaana Johane ene, diaparo tsa gagwe e ne e le tsa bobowa jwa kamela, le moitlamo wa letlalo mo lothekeng lwa gagwe; dijo tsa gagwe e le tsie le dinotshe tsa naga.

5Foo ga tswela kwa go ene Jerusalema, le lefatshe lotlhe la Jutea, le mo tikologong yotlhe ya Joretane;

6mme ba kolobediwa ke ene mo nokeng ya Joretane, ba ipolela dibe tsa bone.

7 Mme e rile a bona Bafarisai ba le bantsi le Basadukai ba tla kolobetsong ya gagwe, a ba raya a re: “Lotsalo lwa dinoga ke lona, lo tlhagisitswe e mang go tshaba bogale jo bo tlang?

8Ke gona ungwang maungo a a tshwanetseng boikwatlhao.

9 Lo se ka lwa gopola lwa ithaya lwa re: ‘Re na le Aberahame ke ene rraetsho;’ gonne ke a lo raya, Modimo o nonofile go tsosetsa Aberahame bana ka maje a.

10 Le jaana fela selepe se tsepilwe mo metsweng ya ditlhare; ke gone setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng loungo lo lo molemo, se a rengwa, se latlhelwa mo molelong.

11Nna le gale ke lo kolobeletsa boikwatlhao ka metsi; mme yo o tlang morago ga me o nonofile bogolo go nna, yo ditlhako tsa gagwe ke sa tshwanelang go di mo tsholela, ene o tlaa lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo le ka molelo;

12yo loselo lwa gagwe o lo tshotseng ka seatla, mme o tlaa olosetsa ruri mo segotlong sa gagwe; mabele a gagwe o tlaa a phuthela mo polokelong ya gagwe; mme mmoko o tlaa o tshuba ka molelo o o sa ka keng wa tingwa.”

Go kolobediwa ga Jesu(Mar 1:9-11; Luke 3:21-22)

13Foo Jesu a tswa kwa Galilea, a tla kwa Joretane kwa go Johane, a tla go kolobediwa ke ene.

14Mme Johane a rata go mo itsa, a re: “Ke tshwanetse ka bo ke kolobediwa ke wena, mme a o tla mo go nna?”

15Mme Jesu a mo fetola a re: “Mma go nne jalo gompieno; gonne go re tshwanetse go dirafatsa tshiamo yotlhe jalo.” Foo a mo leseletsa.

16Jesu o rile a sena go kolobediwa, a tlhamalala a tlhatloga a tswa fa metsing; mme bonang, magodimo a mo atlhamologela, mme a bona Mowa wa Modimo o fologa jaaka lephoi o fologela mo go ene;

17 mme bonang, lentswe la tswa mo magodimong la re: “Yo ke morwaake yo o rategang, yo ke itumelang thata mo go ene.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help