PESALEMA 110 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Morena o neela puso kgosi e a e itlhophetsengPesalema ya ga Dafite.

1 Jehofa o raya morena wa me

a re: “Dula ka fa letsogong

la me le legolo

go tsamaye ke dire baba ba gago

sebeo sa gago sa dinao.”

2Jehofa o tlaa otlolola lore

lwa thata ya gago go tswa Sione;

wena o buse

mo gare ga baba ba gago.

3Batho ba gago ba italetsa

ka pelo e e thamileng

mo letsatsing la thata ya gago;

o re o le mo mekgabong ya

boitshepo, o a bo o na le monyo,

wa bokau jwa gago

o tswa sebopelong sa moso.

4 Jehofa o ikanne,

mme ga a ketla a ikwatlhaya, a re:

“O moperesiti ka bosakhutleng

ka fa mokgweng wa ga

Melekiseteke.”

5Morena, a le ka fa letsogong la gago

le legolo, o tlaa phololetsa dikgosi

mo letsatsing la kgalefo ya gagwe.

6O tlaa atlhola mo merafeng,

o tlaa tlatsa mafelo

ka ditoto tsa baswi;

o tlaa phololetsa yo e leng tlhogo

mo mafatsheng a le mantsi.

7O tlaa nwa mo nokaneng

e e mo tseleng; mme ka mo

a itse go tsholetsa tlhogo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help