PESALEMA 104 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Modimo o tlamela lobopo lwa one

1Baka Jehofa, mowa wa me.

Jehofa, Modimo wa me,

o mogolo thata!

O apere tlotlo le borena.

2Yo o ikapesang ka lesedi

jaaka ka seaparo;

yo o ngamolang magodimo

jaaka sesiro;

3yo o tlhomang maotwana

a mantlwana a gagwe mo metsing;

yo o dirang maru

go nna kara ya gagwe;

yo o tsamayang ka dinao

mo diphukeng tsa phefo;

4 yo o dirang diphefo

go nna barongwa ba gagwe;

badiredi ba gagwe ke melelo

e e tutumang;

5yo o beileng metheo ya lefatshe,

gore le tle le se ka la tshikinngwa

ka bosakhutleng.

6Wa le khurumetsa ka bodiba

jo bo boteng,

jaaka e ka bo e le ka morepo;

metsi a ne a ema a feta dithaba.

7A na a tshaba ka kgalemo ya gago;

a tloga a ya koo ka potlako

ka kodu ya tumo ya gago ya maru;

8a na a tlhatloga ka fa dithabeng,

a fologa ka fa megorogorong,

a ya go fitlha

kwa mafelong a o a a thaetseng.

9O beile mmotwana

gore a se ka a o tlola;

gore a se ka a ba a boa

a khurumetsa lefatshe.

10O eledisetsa metswedi kwa

megorogorong;

e elele mo gare ga dithaba.

11E nose diphologolo tsotlhe tsa naga;

diesela tsa naga di itimole

lenyora mo go yone.

12Dinonyane tsa legodimo

di nne le boago fa go yone;

di letse melodi

mo dikaleng tsa ditlhare.

13O nose dithaba ka metsi

a a tswang matlwaneng a gagwe;

lefatshe le kgore loungo

lwa ditiro tsa gago.

14O tlhogisetsa dikgomo bojang,

le yone merogo

go nna thuso ya batho;

gore a tle a ntshe dijo mo mmung;

15le bojalwa jwa mofine

jo bo ipedisang pelo ya motho,

le lookwane, gore

lo phatsimise sefatlhogo sa gagwe,

le senkgwe se se thatafatsang

pelo ya motho.

16Ditlhare tsa ga Jehofa di a kgora;

masetara a Lebanone

a o a tlhomileng;

17kwa dinonyane di agang ditlhaga

tsa tsone gone; ka ga mogolodi,

ditlhare tsa mafira ke ntlo ya one.

18Dithaba tse di godileng

ke tsa mehele; meole ya mafika

ke botshabelo jwa dipela;

19o laoletse kgwedi metlha;

letsatsi le ikitse go phirima

ga lone.

20O dira lefifi, mme go nne bosigo;

jo ditshedi tsotlhe tsa sekgwa

di gagabelang kwa ntle ka lone.

21Ditawana di dume,

di dumele se di ka se bolayang,

mme di senke nama ya tsone

mo Modimong.

22Letsatsi le a tlhaba,

mme di gonyele, di ye go robala

mo dikutleng tsa tsone.

23Motho a tswele

kwa tirong ya gagwe

le kwa mofufutsong wa gagwe

go ya maitseboeng.

24Jehofa, ana ditiro tsa gago

di methalethale jang!

O di dirile ka botlhale tsotlhe fela;

lefatshe le tletse dikhumo tsa gago.

25Fale go lewatle, le legolo,

le atlhame, le dilo tse di gagabang

tse di se nang palo di mo go lone,

ditshedi tse dipotlana le tse dikgolo.

26 Dikepe di tsamaya gone;

leruarua le gone, le o le bopetseng

go tshamekela mo go lone.

27Tsotlhe tse,

di lebeletse mo go wena,

gore o tle o di fe dijo tsa tsone

mo motlheng o o lebanyeng.

28Se o se di nayang di se phuthe;

o huporolole seatla sa gago,

mme di kgore mo go molemo.

29O sube sefatlhogo sa gago,

mme di huduege;

o tlose mowa wa tsone, di swe,

di boele loroleng lwa tsone.

30O rome, o ntshe mowa wa gago,

mme di tlholege;

o šafatse sefatlhogo sa lefatshe.

31A kgalalelo ya ga Jehofa

e eme ka bosakhutleng;

a Jehofa a itumele

mo ditirong tsa gagwe;

32yo o lebang lefatshe,

mme le rorome;

a ame dithaba, mme di kue mosi.

33Ke tlaa re ke sa ntse ke tshedile

ke nne ke opelele Jehofa;

ke tlaa re ke sa ntse ke leyo

ke nne ke bake Modimo wa me.

34A go akanya ga me

go nne monate mo go one;

ke tlaa itumela mo go Jehofa.

35A baleofi ba nyelediwe,

ba tloge mo lefatsheng,

mme a baikepi

ba se tlhole ba leyo gope.

Baka Jehofa mowa wa me.

Lona, bakang Jehofa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help