BAATLHODI 17 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Disetwa tsa ga Mika

1Go ne go le monna mongwe wa lefatshe la makgabana la Eferaime, leina la gagwe e le Mika.

2A raya mmaagwe a re: “Diselefera tse di 1 100 tse o di thukhuthilweng, tse o buileng phutso ka ga tsone, wa ba wa e buela mo ditsebeng tsa me, bona, selefera seo se mo go nna; ke nna ke se tsereng.” Mmaagwe a re: “A morwaake a segofadiwe ke Jehofa.”

3Diselefera tse di 1 100 a di rebolela mmaagwe, mme mmaagwe a re: “Ruri selefera se, ke se kgethela Jehofa, se tswa mo seatleng sa me, ka ga morwaake, go dira setshwantsho se se setilweng, le setshwantsho se se thetsweng; ke gone jaana ke tlaa se busetsa mo go wena.”

4Ya re a busetsa madi kwa go mmaagwe, mmaagwe a tsaya diselefera di le 200, a di neela mothudi, mme ene a dira ka tsone setshwantsho se se setilweng, le setshwantsho se se thetsweng; mme sa nna mo ntlong ya ga Mika.

5Monna yoo Mika o ne a na le ntlo ya medimo, mme a dira sekhutlana, le mereo. A tshwaya mongwe wa bomorwawe, ene a nna moperesiti wa gagwe.

6 Mo metlheng eo go ne go se na kgosi mo Iseraele; motho mongwe le mongwe a dira se se siameng mo matlhong a gagwe fela.

7Go ne go le lekau lengwe le le tswang Bethelehema wa Juta, la losika lwa Juta, yo e ne e le Molefi, a bo a jakile gone.

8Monna yoo a huduga mo motseng, mo Bethelehema wa Juta, a ya go jaka kwa o ka bonang bonno gone; mme a re a eta a tla mo lefatsheng la makgabana la Eferaime, kwa ntlong ya ga Mika.

9Mme Mika a mo raya a re: “O tswa kae?” A mo raya a re: “Ke Molefi wa Bethelehema wa Juta, ke ya go jaka kwa ke ka bonang bonno teng.”

10Mika a mo raya a re: “Aga le nna, o bo o nne rre le moperesiti mo go nna, ke tlaa go naya diselefera di le some ka ngwaga le ngwaga, le diaparo le dijo tsa gago.” Jalo Molefi a tsena.

11Molefi a itumela go aga le monna yoo; lekau leo la nna mo go ene jaaka mongwe wa bomorwawe.

12Mika a tshwaya motho wa Molefi, mme lekau leo la nna moperesiti wa gagwe a ba a nna mo ntlong ya ga Mika.

13Foo Mika a re: “Jaanong ke a itse fa Jehofa a tlaa ntirela molemo, ka ke na le Molefi go nna moperesiti wa me.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help