2 DIKGOSI 13 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Puso ya ga kgosi Jehoahase wa Iseraele

1E rile ka ngwaga wa 23 wa ga Joaše morwa Ahasia kgosi ya Juta, Jehoahase morwa Jehu a simolola go busa Baiseraele mo Samaria, a busa ka dinyaga di le 17.

2Mme a dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, a ineela mo maleong a ga Jeroboame morwa Nebate, a o ne a leofisa Baiseraele ka one; ga a ka a fapoga mo go one.

3Bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Baiseraele, mme a nna a ba tsenya mo seatleng sa ga Hasaele kgosi ya Siria, le mo seatleng sa ga Benehatate morwa Hasaele, ka metlha yotlhe.

4Jehoahase a rapela Jehofa, mme Jehofa a mo reetsa; gonne a bona patikego ya Baiseraele, jaaka kgosi ya Siria e ba patika.

5Jehofa a naya Baiseraele mogolodi, mme ba tswa fa tlase ga seatla sa Basiria; bana ba Iseraele ba nna mo megopeng ya bone, jaaka gale.

6Mme le fa go ntse jalo ga ba a ka ba tlogela maleo a ba ntlo ya ga Jeroboame, a o ne a leofisa Baiseraele ka one, mme ba sepela mo go one; mme ga sala le yone Medimako mo Samaria.

7Gonne ga a ka a tlogelela Jehoahase batho, fa e se bapalama dipitse ba le 50, le dikara di le some, le batho ba dinao ba le 10 000; gonne kgosi ya Siria e ne ya ba senye, ya ba dira jaaka lorole fa go phothowa mabele.

8Jaana ditiro tse dingwe tsa ga Jehoahase, le tsotlhe tse o ne a di dira, le bonatla jwa gagwe, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Iseraele?

9Mme Jehoahase a robala le borraagwe; ba mo fitlha mo Samaria; mme Joaše morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.

Puso ya ga kgosi Joaše wa Iseraele

10E rile ka ngwaga wa 37 wa ga Joaše kgosi ya Juta, Joaše morwa Jehoahase a simolola go busa Baiseraele mo Samaria, mme a busa ka dinyaga di le 16.

11A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa; ga a ka a fapoga mo maleong otlhe a ga Jeroboame morwa Nebate a o ne a leofisa Baiseraele ka one; a sepela fela mo go one.

12Ditiro tse dingwe tsa ga Joaše le tsotlhe tse o ne a di dira, le bonatla jwa gagwe jo o ne a tlhabana ka jone le Amasia kgosi ya Juta, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Iseraele?

13Joaše a robala le borraagwe; mme Jeroboame a dula mo setulong sa gagwe sa bogosi; Joaše a fitlhwa mo Samaria le dikgosi tsa Iseraele.

Loso lwa ga Eliša

14 Jaana Eliša o ne a tsogetswe ke bolwetse, e bong bolwetse jo o suleng ka jone; Joaše kgosi ya Iseraele a ya kwa go ene, a mo lelela a re: “Rra we! Rra we! Dikara tsa Iseraele le bapalami ba tsone!”

15Eliša a mo raya a re: “Tsaya bora le metswi;” mme a itseela bora le metswi.

16A raya kgosi ya Iseraele a re: “Baya letsogo la gago mo boreng.” Ya baya letsogo la yone mo go jone. Eliša a baya mabogo a gagwe mo mabogong a kgosi.

17Mme a re: “Bula fensetere e e lebileng ntlheng ya botlhabatsatsi,” mme a bula. Foo Eliša a re: “Fula.” Mme a fula. Mme a re: “Motswi wa ga Jehofa wa phenyo, e bong motswi o o fenyang Basiria; gonne o tlaa kgemetha Basiria; gonne o tlaa kgemetha Basiria mo Afeke, go tsamaya o ba nyeletsa.”

18Mme a re: “Tsaya metswi.” A e tsaya. A raya kgosi ya Iseraele a re: “Seola lefatshe.” A seola gararo, a khutla.

19Monna wa Modimo a nna bogale nae a re: “O ne o tshwanetse go seola gatlhano, le fa e le garataro; jalo o ka bo o kgemethile Basiria wa ba wa tla wa ba nyeletsa; jaanong o tla kgemetha Basiria gararo fela.”

20Eliša a swa, mme ba mo fitlha. Manokwane a Bamoabe a tlhasela lefatshe mo tshimologong ya ngwaga.

21Ga dirala ya re ba fitlha monna mongwe, bonang, ba kwaya setlhopha sengwe; ba latlhela monna yoo mo phupung ya ga Eliša; ya re monna yoo a ama marapo a ga Eliša, a rulwa, a ema ka dinao.

Ntwa ya Iseraele le Siria

22Mme Hasaele kgosi ya Siria a patika Baiseraele ka metlha yotlhe ya ga Jehoahase.

23Jehofa a nna kutlwelo botlhoko kwa go bone, a ba tlhomogela pelo, a ba ngoka ka ntlha ya kgolagano ya gagwe le Aberahame, Isake le Jakobe. A gana go ba senya, mme o ne a ise a ba latlhe fa pele ga gagwe ka lobaka loo.

24Hasaele kgosi ya Siria a swa; mme Benehatate morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.

25Joaše morwa Jehoahase a ba a gapela Benehatate Morwa Hasaele metse e o ne a e gapetse Jehoahase rraagwe ka ntwa. Joaše a mo kgemetha gararo, a ba a inaya metse ya Iseraele.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help