I PETERE 5 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Letsomane la Modimo

1Ke gone, bagolwane ba ba mo go lona ke a ba laya, ke le mogolwane ka bone le mosupi wa dipogiso tsa ga Keresete, ke bile ke le yo o nang le kabelo mo kgalalelong e e tlaa senolwang:

2 Ka re: Disang letsomane la Modimo le le mo go lona, lo ntse lo lebela, e seng ka go patelelwa, mme ka pelo e e ratang, ka fa mokgweng wa Modimo; e seng gore lo tle lo bone khumo ka bokhutlo jo bo itumelang;

3le fa e le ka mokgwa wa go rena mo go ba lo ba tshwaetsweng, fa e se ka go itira dikao mo letsomaneng.

4Mme e tlaa re mogang Modimo o mogolo o bonatsiwang, lo tlaa bona serwalo sa kgalalelo se se sa onaleng.

5 Le lona babotlana, lo nne kutlo mo go ba e leng bagolwane. Ee, lotlhe lo itlame ka boikokobetso, go tla lo direlana, gonne Modimo o tlhabana le ba ba ikgogomosang, mme ba ba ikokobetsang o ba neye tshegofatso.

6 Ke gone ikokobeletseng fa tlase ga letsogo le le nonofileng la Modimo, gore o tle o lo goletse mo lobakeng lo e leng lone;

7lo ntse lo latlhela tlhobaelo yotlhe ya lona mo go one, ka o a lo babalela.

8Lo nne lo ikgape, lo nne tiso: mmaba wa lona, diabolo, o potologa jaaka tau e e dumang, a batla yo o ka mo kometsang.

9Lo emalane nae lo nitame mo tumelong ya lona, lo ntse lo itse fa tsone dipogiso tseo di dirafalela bakaulengwe ba lona ba ba mo lefatsheng.

10Modimo wa tshegofatso yotlhe, o o lo bileditseng kwa kgalalelong ya one, e e sa khutleng mo go Keresete, e tlaa re lo sena go nna lo boga botlhoko ka lobakanyana, one ka osi o tlaa lo dira boitekanelo, o lo tiisa o lo thatafatsa.

11Puso a e nne kwa go one ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Amen.

Ditumediso tsa bofelo

12 Ke lo kwaletse go le go khutshwane ka Silefano, mokaulengwe yo o boikanngo, ke raya jaaka nna ke mo kaile, ke laya ke ba ke supa fa e, e le yone tshegofatso ya Modimo ya ammaaruri: lo emeng ka tlhomamo mo go yone.

13 Phuthego e e mo Babilone, e e itshenketsweng mmogo le lona, e a lo dumedisa; le Mareko morwaake o bua jalo.

14Lo dumedisanye ka katlo ya lorato. A kagiso e nne le lona lotlhe ba lo mo go Keresete.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help