PESALEMA 60 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya go gololwa mo babeng(Pes 108:6-13)Mikitame wa ga Dafite, wa go ruta; ya jale fa a lwa le Arama-naharaima le Aramasoba, mme Joabe a boya, a gaila ba Etome, ba le dikete tse some le metso mebedi mo Mokokong wa Letswai. Pina ya moopedi yo mogolo; e laeletswe Shušana Edutha.

1Modimo, o re latlhile,

o re thubakile;

o ntse o le bogale;

a ko o bo o re rudise gape.

2O reketlisitse lefatshe;

o le fatogantse;

fodisa diphatogano tsa lone,

ka le a roroma.

3O supeditse batho ba gago

dilo tse di thata;

o re nositse bojalwa jwa mofine

jwa go theekedisa.

4Ba ba go boifang,

o ba neile mokgele,

gore o bonadiwe ka ntlha ya

boammaaruri. Sela.

5Boloka ka seatla sa gago se segolo,

mme o re arabe,

gore moratwi wa gago a gololwe.

6Modimo o buile

mo boitshepong jwa one;

“Ke tlaa ja koma;

ke tlaa kgaoganya Shekeme,

ke tlaa lekalekanya molapo

wa Sukothe.

7Gileate ke ga me,

le Manase ke ga me,

Eferaime le gone

ke phemelo ya tlhogo ya me;

Juta ke thobane ya me ya bogosi.

8Moabe ke mogopo wa me

o o tlhapelang; setlhako sa me

ke tlaa se latlhela mo Etome;

wena Filisitia,

goa ka ntlha ya me.”

9E mang yo o tlaa nkisang

mo motseng o o thata?

E mang

yo o tlaa nkgogelang mo Etome?

10Wena, Modimo, a ga o a re latlha?

Mme le gone Modimo,

ga o ko o bolola le dintwa tsa rona.

11Re nee thuso

go tlhabana le mmaba,

gonne go thusa ga motho ke lefela.

12Re tlaa dira senna ka Modimo,

ka e le one

o o tlaa gatakang baba ba rona.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help