PESALEMA 125 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Tlamelo ya Modimo mo bathong ba oneSefela sa Ditlhatlogo.

1Bone ba ba ikantseng Jehofa,

ba ntse jaaka thaba ya Sione

e e sa ka keng ya tshikinngwa,

mme e nnetse ruri ka bosakhutleng.

2Jaaka dithaba di dikanyeditse

Jerusalema,

Jehofa o dikanyeditse batho

ba gagwe jalo go tloga fano

gompieno go ya bosakhutleng.

3Gonne thobane ya bogosi

ya boikepo ga e ketla e nna

mo kabelong ya basiami;

gore basiami ba se ka ba otlololela

diatla tsa bone kwa boikepong.

4Jehofa, ba ba molemo,

a o ko o ba direle molemo,

le ba ba dipelo di thokgameng.

5Ka ga ba ba fapogelang

kwa mekgweng ya bone

e e kgopameng,

Jehofa o tlaa ba gogela koo

le badiri ba boikepo.

Kagiso a e nne le Iseraele.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help