DIPALO 12 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Kotlhao ya ga Miriame

1Miriame le Arone ba gobolola Moše ka ntlha ya mosadi wa Sekuše yo o neng a mo nyetse; gonne o ne a nyetse mosadi wa Sekuše.

2Ba re: “A ruri Jehofa o buile le Moše a le esi? A le rona ga a a bua le rona?” Jehofa a utlwa.

3Jaana monna yoo, Moše, a bo a le boikokobetso thata go feta batho botlhe ba ba neng ba le mo lefatsheng.

4Jehofa a bua le Moše le Arone le Miriame ka tshoganetso, a re: “Tswelang kwa mogopeng wa bophuthegelo loo bararo.” Ba tswa boo bararo.

5Jehofa a fologa a le mo mosipuring wa leru, a ema fa mojakong wa Mogope, a bitsa Arone le Miriame, mme ba tswa boo babedi.

6A re: “Utlwang jaana mafoko a me. Fa go na le moperofeti mo go lona, nna Jehofa ke tlaa mo ikitsise ka ponatshegelo, ke tlaa bua nae ka toro.

7 Motlhanka wa me Moše, ene ga a a nna jalo; o boikanyo mo ntlong ya me yotlhe fela.

8Ene ke tlaa buisanya nae molomo le molomo, e bong ka mo go bonalang, e seng mo dipuong tse di lotobo; popego ya ga Jehofa o tlaa e bona; ana lo ne lo sa boifeleng go gobolola motlhanka wa me, go gobolola Moše?”

9Bogale jwa ga Jehofa jwa ba tukela; mme a tsamaya.

10Leru la tloga mo godimo ga Mogope, ga fitlhelwa Miriame a le lepero, a le mosweu jaaka kapoko; Arone a leba Miriame, a bona a le lepero.

11Arone a raya Moše a re: “Morena wa me, ke a go rapela, o se ka wa baya boleo jo mo go rona, gonne re dirile ka bosilo le ke gonne re leofile.

12Ke a go rapela, a a se nne jaaka moswi, yo bontlhanngwe jwa nama ya gagwe bo jegileng a sa tswa mo sebopelong sa ga mmaagwe.”

13Moše a goela kwa go Jehofa a re: “Modimo, ke a go rapela, a ko o mo fodise.”

14 Mme Jehofa a raya Moše, a re: “Fa rraagwe a ka bo a mo kgwetse mathe fela mo sefatlhogong, a ga a ka bo a nna ditlhong ka malatsi a supa? A a tswalelwe kwa ntle ga bothibelelo ka malatsi a supa, morago ga moo o tlaa ba a leriwe gape mo teng.”

15Miriame a tswalelwa kwa ntle ga bothibelelo ka malatsi a supa; batho ba se ka ba tsamaya Miriame a ise a leriwe gape mo teng.

16Morago ga moo batho ba tloga ba tswa mo Haserothe, ba ya ba thibelela mo nageng ya Parane.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help