1 DITIRAFALO 20 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Dafite o gapa Raba(2 Sam 12:26-31)

1 Ga dirala ya re ka lobaka lwa thetologo ya ngwaga, ka lobaka lo dikgosi di tleng di bolole ka lone di ya go tlhabana, Joabe a bolotsa ntwa e e thata, a ya a senya lefatshe la bana ba Amone, a fitlha a tlhasela Raba. Mme Dafite ene a setse kwa Jerusalema. Joabe a kgemetha motse wa Raba, a o ribegetsa.

2Dafite a tlosa serwalo sa bogosi sa kgosi ya bone mo tlhogong ya yone, a se fitlhela se le bokete jwa dikilokerama di le 34 tsa gouta, go ne go le majana a a tlhokegang mo go sone; mme sa bewa mo tlhogong ya ga Dafite. A ntsha thopo ya motse e le kgolo thata.

3A ntsha batho ba ba gone, a ba setlha ka dišage, le ka dikokola tsa tshipi, le ka dilepe. Dafite a direla jalo metse yotlhe ya bana ba Amone. Mme Dafite le batho botlhe ba boela Jerusalema.

Baiseraele ba tlhasela bakaloba ba Bafilisitia(2 Sam 21:15-22)

4Ga dirala ya re morago ga moo, ga tsoga ntwa le Bafilisitia kwa Gesere; foo Sibekai wa Mohušathe a bolaya Sipai, wa bomorwa morobana; mme ba kokobediwa.

5 Ga nna ntwa gape le Bafilisitia; Elehanane morwa Jaire a bolaya Lagemi morwa rraagwe Goliathe wa Mohite, yo lore lwa lerumo la gagwe lo ne lo tshwana le mosipuri wa monyedi.

6Gape ga nna ntwa kwa Gathe, kwa go ne go na le monna mongwe gone yo o godileng thata, menwana ya gagwe ya diatla le ya dinao e ne e le 24, a na le e merataro mo seatleng sengwe le sengwe, le e merataro mo lonaong longwe le longwe; le ene a tsetswe ke morobana.

7E rile a kgoba Baiseraele, Jonathane morwa Shimee mogoloa Dafite a mmolaya.

8Bao ba ne ba tsetswe ke monna wa morobana mo Gathe; mme ba wa ka seatla sa ga Dafite, le ka seatla sa batlhanka ba gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help