JOBE 39 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1“A o itse motlha o mafele

a mafika a tsalang ka one?

Kgotsa a o ka supa lobaka lwa phala

go bona ngwana?

2A o ka bala dikgwedi tsa tsone

tsa bonemeru, kgotsa

a o itse motlha o di tsalang ka one?

3Di khubame, di tsale bana ba tsone,

di latlhele mahutsana a tsone

kwa ntle.

4Bana ba tsone ba anye fela,

ba thugugele mo nageng e e lobala

fela; ba tsamaye,

mme ba sa tlhole ba boa.

5E mang yo o lesitseng esela ya naga

ya tsamaya fela,

kgotsa mang yo o hunolotseng

dikgole tsa pitse e tilotsana,

6e ntlo ya yone ke e dirileng,

e bong naga, le lefatshe la dimpu

e nne felo kwa e nnang gone?

7E sotla tlhapeo wa motse,

le gone ga e utlwe kgalemo

ya mokgweetsi.

8Namalalo ya dithaba ke mahulo

a yone, mme e batle

sengwe le sengwe se setala.

9A nare e tlaa itumela go go direla?

Kgotsa a e ka nna fa bojelong

jwa gago?

10A o ka golega nare ka kgole ya yone

mo temong,

kgotsa a e tlaa kokola mekgatšha

e go setse morago?

11A o tlaa e ikanya,

ka gobo thata ya yone e le kgolo,

kgotsa a o tlaa e tlogelela tiro

ya gago?

12A o tlaa e dumela

gore e tlaa rora peo ya gago,

e ba e kokoanya mabele a sebopi

sa gago?

13Lofuka lwa ntšhe lo a ebela;

mme a diphafa tsa gagwe

di na le bopelonomi,

le fa e le bobowa jwa gagwe?

14Gonne o tlogela mae a gagwe

fa fatshe,

o a thuthafatse mo loroleng.

15A lebale fa lonao

lo ka tla lwa a thuba,

kgotsa fa sebatana se ka a gataka.

16O direla bana ba gagwe

ka peloethata,

jaaka ekete ga se ba gagwe;

le fa tiro ya gagwe e le lefela,

ga a na poifo;

17gonne Modimo o mo timile

botlhale, le gone ga o a ka

wa mo abela tlhaloganyo.

18Mogang o itsholeletsang godimo,

o tle a sotle pitse le mopalami

wa yone.

19A o neile pitse nonofo ya yone;

a o apesitse thamo ya yone

moetse o o fokafokang?

20A ke wena yo o e dirileng

gore e tlolatlole jaaka tsie?

Go koma ga pudulo ya yone

go a boitshega.

21E tle e reme ka tlhako

mo molapong,

e itumele mo thateng ya yone:

e tswe e ye go kgatlhantsha batho

ba ba tlhometseng.

22E tshege poifo, ga e tlakasele;

le gone ga e neye tšhaka sekotla.

23Mokotlopo o tlharakanye

mo go yone, le lerumo

le le šadiang matlho le putlela.

24E kometse mmu ka bogale

le tšararego;

le gone e se ke e dumele

fa e le kodu ya lonaka.

25Gongwe le gongwe fa lonaka

lo lela e re:

‘Ahe,’ mme e dupelele tlhabano

kgakala,

le modumo wa balaodi le lošalaba.

26A segodi se fofa ka botlhale

jwa gago, se tsharololela

diphuka tsa sone kwa borwa?

27A ntswi yo motona

o fofela kwa godimo

ka taolo ya gago, mme a dire

setlhaga sa gagwe kwa godimo?

28O aga mo lefikeng,

mme o na le boago jwa gagwe gone,

mo tlhoreng ya lefika,

le mo felong fa go thata.

29A le foo a kwaye phologolo;

matlho a gagwe a e bonele kgakala.

30 Mamphorwana a gagwe le one

a nwe madi,

mme kwa go nang le ba ba

bolailweng, le ene o gone.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help