PESALEMA 107 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

KGAOGANO 5(DIPESALEMA 107 – 150)Malebogo a ba ba golotsweng mo matshwenyegong

1 A ko lo ntshetseng Jehofa

malebogo; gonne o molemo;

gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe

bo eme ka bosakhutleng.

2A barekolodwi ba go Jehofa

ba bue jalo, ba o ba rekolotseng

mo seatleng sa moganetsi;

3a ba phutha

a ba ntsha mo mafatsheng,

go tswa kwa botlhabatsatsi,

le kwa bophirimatsatsi,

kwa botsheka le kwa borwa.

4Ba ne ba pholetha mo nageng

mo tseleng ya sekaka;

ga ba a ka ba bona motse ope

o o nnwang.

5Ba le tlala le lenyora,

mowa wa bone wa idibala

mo go bone.

6Foo ba goela kwa go Jehofa

mo tlalelong ya bone,

mme a ba golola a ba ntsha

mo dipitlaganong tsa bone.

7Le gone a ba goga

ka tsela e e lolameng,

gore ba ye go fitlha

kwa motseng o o ka nnwang.

8A bo batho ba ka ka ba baka Jehofa

ka ntlha ya molemo wa gagwe,

le ka ntlha ya ditiro tsa gagwe

tse di gakgamatsang

mo baneng ba batho!

9Gonne o kgorisa mowa o o eletsang,

le mowa o o bolailweng ke tlala

o o kgorise ka molemo.

10Ba ba neng ba dutse mo lefifing

le mo moriting wa loso,

ba bofetswe mo patikong

le mo tshiping;

11e le ka gonne

ba rukhutlhetse mafoko a Modimo,

ba tswitla kgakololo

ya Mogodimodimo;

12ke gone ka ntlha ya mo,

a pagolola pelo ya bone

ka muhuhutso; ba wa,

mme go se na ope yo o thusang.

13Foo ba ikuela Jehofa

mo tlalelong ya bone,

mme a ba boloka, a ba ntsha

mo dipitlaganong tsa bone.

14A ba ntsha mo lefifing

le mo moriting wa loso,

a komoganya dipofo tsa bone.

15A bo batho ba ka ka ba baka Jehofa

ka ntlha ya molemo wa gagwe,

le ka ntlha ya ditiro tsa gagwe

tse di gakgamatsang

mo baneng ba batho!

16Gonne o thubile ditswalo

tsa kgotlho,

a remaganya mephakalego ya tshipi.

17Ba ba dieleele ba tle ba bogisiwe

ka ntlha ya ditlolo tsa bone,

le ka ntlha ya maikepo a bone.

18Mowa wa bone

o feretlhwe ke dilo tsotlhe fela,

mme ba atamele kwa dikgorong

tsa loso.

19Foo ba ikuele Jehofa

mo tlalelong ya bone,

mme a ba golole a ba ntshe

mo dipitlaganong tsa bone.

20A ise lefoko la gagwe, a ba fodise,

a ba swatole mo ditshenyegong

tsa bone.

21A bo batho ba ka ka ba baka Jehofa

ka ntlha ya molemo wa gagwe,

le ka ntlha ya ditiro tsa gagwe

tse di gakgamatsang

mo baneng ba batho!

22A ba ise ditlhabelo tsa tebogo,

a ba kakanye ditiro tsa gagwe

ka go opela.

23Ba ba fologelang kwa lewatleng

ka dikepe, ba tiro ya bone

e leng mo metsing a magolo;

24bao, ba bona ditiro tsa ga Jehofa,

le dikgakgamatso tsa gagwe

mo bodibeng jo bo botengteng.

25Gonne o a laola, mme a tsose

phefo e e matsubutsubu

e e kokomosang makhubu a yone.

26Ba tlhatlogela kwa legodimong,

ba fologela gape kwa matennyeng;

mowa wa bone o nyere

o fele ka ntlha ya tlalelo.

27Ba theekele, ba kgokgweetsege

jaaka motho yo o tagilweng,

mme ba felelwe ke maano otlhe

a bone.

28Foo ba goele kwa go Jehofa

mo tlalelong ya bone,

mme a ba swatole

mo dipitlaganong tsa bone.

29A ritibatse matsubutsubu,

makhubu a one a ba a tla

a tle a eme fela.

30Foo ba ipele ka gobo ba iketlile;

jalo a ba gorosetse

mo bogorogelong jo ba ratang

ba bo ba le mo go jone.

31A bo batho ba ka ka ba baka Jehofa

ka ntlha ya molemo wa gagwe,

le ka ntlha ya ditiro tsa gagwe

tse di gakgamatsang

mo baneng ba batho!

32A ba ke ba mo goletse

le mo phuthegong ya sešaba,

ba mmake mo sennong

sa bagolwane.

33O fetola dinoka naga fela,

le metswedi ya metsi

mmu o o nyorilweng;

34le lefatshe le le matshebe

a le fetole sekaka se se letswai

ka ntlha ya boleo

jwa ba ba agileng mo go lone.

35A fetole naga fela mogobe

o o metsi,

le lefatshe le le omeletseng

metswedi ya metsi.

36A agise ba ba bolailweng ke tlala

gone, gore ba tle ba baakanye

motse o o ka nnwang;

37ba jale masimo,

ba tlhome masimo a mafine,

mme ba iponele maungo a totafalo.

38Le gone a ba segofatse,

ba tle ba nne ba ntsifale thata;

mme a sa leseletse dikgomo tsa bone

go ngobela.

39Gape ba ngotlege,

ba kokobediwe ka patiko,

le tlalelo le bohutsana.

40O gorometsa lonyatso

mo dikgosaneng,

a di pholethise mo dipoeng fela,

kwa go se nang tsela gone.

41Le fa go ntse jalo,

motlhoki o tle a mmeye kwa

godimo kwa ntle ga pogiso,

a mo dire ditshika

jaaka letsomane.

42Bathokgami ba tlaa go bona,

ba itumela; mme boikepo jotlhe

bo tlaa ithiba molomo wa jone.

43Le fa e le bomang ba ba botlhale,

ba tlaa ela dilo tse tlhoko,

mme ba tlaa akanya

mautlwelobotlhoko a ga Jehofa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help