ISAIA 48 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Modimo ke Morena wa metlha e e tlang

1“Utlwang se,

lona ba ntlo ya ga Jakobe,

ba lo bidiwang ka leina la Iseraele,

ba lo duleng mo metsing a Juta;

ba lo ikanang ka leina la ga Jehofa;

lo umaka Modimo wa Iseraele,

mme e seng mo boammaaruring,

le fa e le mo tshiamong.

2Gonne ba ipitsa ba motse

o o boitshepo,

mme ba ikaega Modimo wa Iseraele;

Jehofa wa masomosomo

ke leina la one.

3“Ke boletse dilo tsa pele

e sa le bogologolo;

ee, tsa tswa mo molomong wa me,

mme ka di supa;

ka tshoganetso fela ka di dira,

mme tsa dirafala.

4E re ka ke ne ke itse fa o le mokaka,

le go re o thamo

ya mosifa tshipi fela,

le phatla ya gago fa e le kgotlho fela;

5ke gone ka mo ke go boleletseng

go sa le bogologolo;

e rile pele go e se go dirafale

ka se go supetsa;

e tlaa re gongwe o ka tla wa re:

‘Modimo wa me wa sesetwa

o di dirile,

setshwantsho se se setilweng sa me,

le setshwantsho se se tshetsweng sa

me, di di laotse.’

6“O se utlwile;

leba sone se sotlhe fela;

mme lona a ga lo ketla lo se bolela?

Ke go supeditse dilo tse dintšha

go tloga fano bakeng lono,

e bong dilo tse di subegileng,

tse o ntse o sa di itse.

7Di tlhodilwe jaana,

e seng gale bogologolo;

mme pele ga letsatsi leno

wena wa bo o ne o ise o di utlwe;

e se re gongwe wa tloga wa re:

‘Bona, ke ne ke di itse.’

8Ee, ga o a ka wa utlwa;

ee, ga o a ka wa itse;

ee, e sa le bogologolo

tsebe ya gago e ntse e sa kabologe;

gonne ke ne ke itse

fa o tle o ferekane thata thata,

mme o sa le o bidiwa motlodi

le o tswa sebopelong.

9Ka ntlha ya leina la me

ke tlaa nama ke sa diile bogale

jwa me,

le ka ntlha ya pako ya me

ke tlaa ikgogona mo go wena,

gore ke se ka ka go poma fela.

10Bona, ke go itshekisitse,

mme e seng jaaka selefera;

ke go itshenketse

mo bokepisong jwa pogiso.

11Ka ntlha ya me ka nosi,

ka ntlha ya me ka nosi,

ke tlaa se dira;

ka go re,

ana leina la me le a bo le ka

tlhapadiwa jang?

Le gone kgalalelo ya me

ga nketla ke e naya o sele.”

Jehofa o itlhophetse Kerose

12 “Ntheetsa, wena Jakobe,

le Iseraele mmidiwa wa me;

ke nna ene; ke wa ntlha,

ke bile ke nna wa bofelo.

13Ee, seatla sa me

se thaile motheo wa lefatshe,

seatla sa me se segolo

se phutholotse magodimo,

ya re ke a bitsa

a nanogela gongwe fela.

14Phuthegang, lona lotlhe,

mme lo utlwe;

e mang mo go lona

yo o boletseng dilo tse?

Jehofa o mo ratile;

o tlaa dira go kgatlhega ga gagwe

mo Babilone, letsogo la gagwe

le tlaa nna mo go Bakalatea.

15Nna, e leng nna, ke buile.

Ee, ke mmiditse, ke mo tlisitse,

mme o tlaa dira tsela ya gagwe

e nna letlhogonolo.

16Nkatamelang lona, lo utlwe se;

e sa le ka tshimologo

ga ke ise ke ke ke bue

mo sephiring;

e sa le ka lobaka lo go le go ntse ka

lona, ke ntse ke le gone.”

Mme jaanong Jehofa o nthomile,

le mowa wa gagwe.

Jehofa o rekolola batho ba gagwe

17Go bua jaana Jehofa, Morekolodi wa gago, Moitshepi wa Iseraele, a re:

“Ke nna Jehofa, Modimo wa gago,

yo ke go rutang go itsholegela

molemo, yo ke go gogang

mo tseleng e o tshwanetseng

go tsamaya ka yone.

18A bo o ka bo o reeditse ditaolo tsa

me, kagiso ya gago

e ka bo ne ne fano e ntse jaaka noka,

le tshiamo ya gago

jaaka dinteelo tsa lewatle.

19Losika le lone lwa gago

lo ka bo lo ntse jaaka mošawa,

le matlhogela a mala a gago

jaaka mabu a one;

leina la gagwe le ka bo le sa kgaolwa

le fa e le go senngwa fa pele ga me.”

20 Tswang, lo tswe mo Babilone,

Bakalatea lo ba tshabeng;

ka lentswe la kopelo lo kakanye se,

lo se bolele,

lo se bolelele le kwa sekhutlong

sa lefatshe;

lo re: “Jehofa o rekolotse Jakobe

motlhanka wa gagwe.”

21E rile a ba ralatsa dikaka

ga ba ka ba nyorwa;

o ne a ba eledisetsa metsi

a tswa mo lefikeng;

a ba a arola lefika,

mme metsi a phothosela.

22 “Ga go na kagiso epe

e e leng ya baikepi,”

go bua Jehofa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help