PESALEMA 47 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Modimo ke Kgosi ya tsotlhe mo lefatshengPesalema ya bomorwa Kora. Ya moopedi yo mogolo.

1A ko lo openg diatla

lona ditšhaba tsotlhe;

lo tshelele Modimo lošalaba

lwa go ja koma.

2Gonne Jehofa Mogodimodimo

o a boitshega;

ke Kgosi e kgolo ya lefatshe lotlhe.

3O tlaa fenya ditšhaba

a di baya tlase ga rona,

le merafe tlase ga dinao tsa rona.

4O tlaa re lebalebela boswa,

e bong tlotlomalo ya ga Jakobe

yo o neng a mo rata. Sela.

5Modimo o tlhatlogile ka lošalaba,

Jehofa ka tumo ya lonaka.

6Opelelang Modimo dipako,

opelang dipako;

opelelang Kgosi ya rona dipako,

opelang dipako.

7Gonne Modimo ke Kgosi

ya lefatshe lotlhe;

lo opele dipako ka tlhaloganyo.

8Modimo o busa mo merafeng;

Modimo o dutse mo setulong sa one

se se boitshepo sa bogosi.

9Dikgosana tsa ditšhaba

di phuthegile mmogo,

go tla di nna batho ba Modimo

wa ga Aberahame;

gonne dithebe tsa lefatshe ke tsa

Modimo; o goletsegile thata.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help