1Jehofa, Morena wa rona,
a bo leina la gago le le lentle
mo lefatsheng lotlhe!
Wena yo o tlhomileng kgalalelo
ya gago godimo ga magodimo.
2 O theile nonofo
ka a a tswang melomong ya banyana
le ba ba anyang,
ka ntlha ya baganetsi ba gago,
gore o tle o didimatse mmaba
le mmusolosi.
3E a re fa ke akanya
magodimo a gago,
tiro ya menwana ya gago,
kgwedi le dinaledi
tse o di baakantseng;
4 kana motho e be e le eng,
fa e bo ne ne o mo gopola,
le morwa motho,
fa e bo ne ne o mo lekola?
5Gonne o mo fokoditse boemo
go le gonnye fela mo Modimong,
wa mo rwesa kgalalelo le tlotlo.
6 Wa mo naya taolo mo ditirong
tsa diatla tsa gago;
o beile dilo tsotlhe
tlase ga dinao tsa gagwe;
7dinku tsotlhe le dikgomo,
ee, le tsone ditshedi tsa naga;
8dinonyane tsa loapi
le ditlhapi tsa lewatle,
sengwe le sengwe se se ralalang
mawatle ka ditsela tsa one.
9Jehofa, Morena wa rona,
ana leina la gago le lentle jang
mo lefatsheng lotlhe fela!
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
