1Jehofa a bua le Moše a re:
2“Bua le bana ba Iseraele, o tseye dithobane mo go bone, nngwe e nne ya kgotla nngwe le nngwe ya borraabo, mo dikgosaneng tsotlhe ka fa makgotleng a borraabo, dithobane di le 12, o kwale leina la motho mongwe le mongwe mo thobaneng ya gagwe.
3O kwale leina la ga Arone mo thobaneng ya ga Lefi, gonne go tlaa nna e le nngwe fela ya tlhogo nngwe le nngwe ya makgotla a borraabo.
4O di beye mo mogopeng wa bophuthegelo fa pele ga tshupo, kwa ke kopanelang nao gone.
5Motho yo ke mo itshenkelang, thobane ya gagwe e tlaa kukunya; mme ke tlaa khutlisa dingongorego tsa bana ba Iseraele mo go nna, tse ba di ngongoregang ka ga lona.”
6Moše a bua le bana ba Iseraele, mme dikgosana tsotlhe tsa bone tsa mo naya dithobane, mongwe le mongwe e le nngwe fela, ka fa makgotleng a borraabo, e bong dithobane di le 12, thobane ya ga Arone e ne e le mo dithobaneng tsa bone.
7Moše a baya dithobane tsa bone fa pele ga Jehofa mo mogopeng wa tshupo.
8 Ga dirala ya re ka moso Moše a ya mo mogopeng wa tshupo, a fitlhela thobane ya ga Arone ya ntlo ya ga Lefi e kukuntse, e thuntse ka dithunya, e bile e ungwile dithamane tse di buduleng.
9Dithobane tsotlhe Moše a di tsaya fa pele ga Jehofa, a di ntshetsa kwa baneng ba Iseraele botlhe; ba di leba, mme mongwe le mongwe a tsaya thobane ya gagwe.
10Jehofa a raya Moše a re: “Busetsa thobane ya ga Arone kwa pele ga tshupo, go ya go bolokwa teng, e le sesupo se se sekisang bana ba tsuololo, gore o khutlise dingongorego tsa bone ka ga me, gore ba tle ba se ka ba swa.”
11Moše a dira jalo; a dira jaaka Jehofa a mo laotse.
12Bana ba Iseraele ba bua le Moše ba re: “Bona, re a swa, re fedile, re fedile rotlhe.
13Mongwe le mongwe yo o atamelang, yo o atamelang motlaagana wa ga Jehofa o a swa, a ke gore re tlaa swa rotlhe fela?”
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
