PESALEMA 49 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Boeleele jwa go ikanya dikhumoPesalema ya bomorwa Kora. Ya moopedi yo mogolo.

1Lona ditšhaba tsotlhe,

utlwang mo; sekegang tsebe,

lona banni botlhe ba lefatshe.

2Go le babotlana le bagolwane,

bahumi le bahumanegi mmogo.

3Molomo wa me o tlaa bua botlhale;

le go akanya ga pelo ya me

e tlaa nna ka ga tlhaloganyo.

4Ke tlaa sekegela setshwantsho

tshebe ya me;

ke tlaa rarabolola ka harepe

polelo ya me e e raraanyeng.

5Ana ke tlaa bo ke boifelang

mo metlheng ya bosula?

Mogang go boikepo jo bo

tlhomereng direthe tsa me

bo ntsenyang gare?

6Mo go ba ba ikanyang lohumo lwa

bone, ba belafala

ka bontsi jwa dikhumo tsa bone.

7Ga go na ope yo o ka rekololang

ngwana wa ga rraagwe ka gope,

le fa e le go mo ntshetsa serekololo

go se naya Modimo.

8(Gonne thekololo ya mowa wa bone

e topo e thata,

e na le go tlhobogwa

ka bosakhutleng;)

9gore a tle a nne a tshele

ka metlha yotlhe,

gore a se ka a bona go bola.

10Gonne o a bona fa batho

ba ba botlhale ba swa fela,

yo o bosilo le yo o sefolofolo

ba nyalele fela mmogo,

ba tlogelele ba sele khumo ya bone.

11Diphupu tsa bone ke magae a bona

ka bosakhutleng;

ke fa ba nnetseng teng ruri;

le fa ba ne ba ntse

ba kaya mafatshe go re ke a bone.

12Motho ene, a le mo tlotlong

ga a nnele ruri;

o tshwana jaaka diphologolo

tse di nyelelang.

13Mokgwa o wa bone

ke boeleele fela jwa bone,

le fa go ntse jalo e a tle e re morago

ga bone batho ba tle ba dumele

dipolelo tsa bone. Sela.

14Ba laoletswe Bobipo

jaaka letsomane la dinku fela.

Loso o tlaa nna modisa wa bone;

mo mosong bathokgami

ba tlaa nna le puso mo go bone,

le bontle jwa bone bo tlaa nna sejo

sa Bobipo gore bonno jwa jone

bo se ka jwa nna.

15Mowa wa me Modimo

o tlaa o rekolola mo thateng

ya Bobipo,

gonne o tlaa ntshola. Sela.

16O se ka wa boifa fa mongwe

a humisiwa, fa kgalalelo

ya ntlo ya gagwe e totisiwa;

17ka gobo fa a swa,

ga a ketla a ya le sepe;

kgalalelo ya gagwe ga e ketla

e fologela morago ga gagwe.

18Le fa a rile a sa tshedile

a segofatsa mowa wa gagwe,

ka batho le gale ba tle ba go bake

fa o itirela molemo,

19o tlaa ya lesomong la borraagwe;

ga ba ketla ba bona lesedi gope.

20Motho yo o mo tlotlegong,

mme a se na tlhaloganyo,

o tshwana fela le diphologolo tse di

nyelelang.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help