JOBE 11 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Sofare

1Foo ga fetola Sofare wa Monaamathe, a re:

2“A bontsi jwa mafoko a

ga bo a tshwanela go fetolwa,

a monna yo o sephoko

o tshwanetse go siamisiwa?

3A maipelafatso a gago

a tshwanetse go khutlisa

banna go bua?

Fa o sotla,

a ga go motho ope

yo o tlaa go tlhabisang ditlhong?

4Gonne o ithaya o re:

‘Tumelo ya me e itshekile,

ke montle mo matlhong a gago.’

5A bo Modimo o ka ka wa bua,

wa go tumololela dipounama

tsa one;

6le gore o go supetse

maoma a botlhale

fa bo le maranyane

mo go digeleng go dira.

Ke gone itse fa Modimo

o go lefetse ka thata

mo go botlana bogolo go

tshwanelo ya boikepo jwa gago.

7A o ka lemoga Modimo

ka go kheleisa?

A o ka lemoga Mothatayotlhe

ka botlalo?

8Go godimo jaaka legodimo;

o ka dirang?

Go boteng go feta Bobipo;

o ka itseng?

9Selekanyo sa gone

se feta lefatshe ka boleele,

se feta lewatle ka boatlhamo.

10Fa o tshwara motho, o mo tswalela,

mme o mmiletsa tshekong,

foo e mang yo o ka o kganelang?

11Gonne o itse banna ba boithamako;

le boikepo o a bo bona,

le fa ekete ga o bo tlhokomele.

12Motho a le boithamako

ga a na tlhaloganyo;

ee, motho o tsalwa jaaka eselana

ya esela ya naga fela.

13“Fa o baakanya pelo sentle,

o otlolela diatla tsa gago kwa go one;

14fa boikepo

bo le mo seatleng sa gago,

o bo lelekele kwa kgakala,

mme a tshiamololo e se ka ya aga

mo megopeng ya gago;

15foo ruri o tlaa tsholetsa

sefatlhogo sa gago

se sena setshubaba;

ee, o tlaa tsepama,

mme o se ke o boife;

16gonne o tlaa lebala

matladika a gago;

o tlaa a gakologelwa

jaaka metsi a a kgophogetseng koo.

17Le botshelo jwa gago

bo tlaa nna phepha

bogolo go motshegare;

le fa go le lefifi,

le tlaa nna jaaka moso fela.

18O tlaa nna thagamong,

ka go na le tsholofelo;

ee, o tlaa keleka tikologong ya gago,

mme o tlaa ikhutsa mo polokegong.

19Le gone o tlaa itelega,

mme ga go na ope

yo o tlaa go boifisang;

ee, batho ba le bantsi

ba tlaa tla go lopa mo go wena.

20Mme matlho a baikepi

a tlaa kalega,

mme ga ba ketla ba nna le tsela

ya botshabelo,

le tsholofelo ya bone

e tlaa bo e le go swa fela.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help