PESALEMA 83 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya go senngwa ga baba ba IseraeleSefela, Pesalema ya ga Asafe.

1Modimo, o se ka wa didimala

fela; o se ka wa ikitsa go bua;

se nne fela, Modimo.

2Gonne bona,

baba ba gago ba dira pheretlho;

le ba ba go tlhoileng

ba tsholeditse tlhogo.

3Ba logela batho ba gago kgakololano

ya boferefere; ba gakololanela

ba gago ba ba subegileng.

4Ba rile: “Tlang, a re ba kgaoleng

go tlhola e le morafe;

gore leina la Iseraele

le se tlhole le gopolwa gope.”

5Gonne ba gakololanye

ka tumalano e le nngwe fela;

e le wena yo ba go golaganelang;

6megope ya Etome, ya Baišemaele;

Moabe le Bahagare;

7Gebale, Amone le Amaleke;

Filisitia o na le banni ba Ture;

8Asiria le ene o ikopantse nabo;

ba thusitse bana ba ga Lote. Sela.

9 Ba direle jaaka o diretse Midiane;

le jaaka Sisere, le jaaka Jabine,

fa nokeng ya Kišone;

10ba ba nyeletseng kwa Entore;

ba ba ba nna jaaka

letshotelo la tshimo.

11 Dira bagolwane ba bone

gore ba nne jaaka Orebe le Seebe;

ee, dikgosana tsotlhe tsa bone

di nne jaaka Seba le Salemuna;

12ba ba kileng ba re:

“A re itseeleng maago a Modimo

go a rua.”

13Modimo wa me,

ba dire gore ba nne jaaka lorole

lo lo sokeletsegang;

jaaka phofedi fa pele ga phefo.

14Jaaka molelo o o lakailang sekgwa,

le jaaka kgabo ya molelo

e e tshubelang dithaba;

15ba khukhele jalo ka ledimo le legolo

la gago le le boitshegang;

o ba boifise ka matsubutsubu

a gago.

16A difatlhogo tsa bone

di tladiwe tshosobagano;

gore ba tle ba batle

leina la gago, Jehofa.

17A ba tlhajwe ke ditlhong,

ba tseanngwe ka bosakhutleng;

ee, ba swabisiwe ba nyelele;

18gore ba tle ba itse fa wena wesi;

yo leina la gago e leng Jehofa,

o le Mogodimodimo,

o okame lefatshe lotlhe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help