BAROMA 10 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1Bagaetsho, keletso ya pelo ya me, le thapelo ya me mo Modimong ka ga bone, ke gore ba bolokwe.

2Gonne ke supa ka ga bone fa ba na le tlhaofalo ka ga Modimo, mme e seng ka fa kitsong.

3Gonne e rile ka ba sa itse tshiamo ya Modimo, mme ba senka go tlhomamisa e e leng ya bone, ga ba a ka ba ineela mo tshiamong ya Modimo.

4Gonne Keresete ke bowelo jwa molao, go isa tshiamong mo go mongwe le mongwe yo o dumelang.

Tumelo e a boloka

5 Gonne Moše o kwala a re: “Motho yo o dirang tshiamo e e emeng ka molao, o tlaa tshela ka yone.”

6 Mme tshiamo e e emeng ka tumelo e bua jaana, ya re: “O se ka wa bua mo pelong ya gago wa re: ‘Mang yo o tlaa tlhatlogelang kwa legodimong?’ ” – ke gore, a ya go folosa Keresete –

7“kgotsa, ‘Mang yo o tlaa fologelang mo moleteng o o se nang bolekanyetso?’ ” ke gore, a ya go tlhatlosa Keresete mo baswing.

8Mme ya reng? Ya re: “Lefoko le gaufi nao, le mo molomong wa gago, le mo pelong ya gago.” Ke gore lefoko la tumelo, le re le rerang,

9la go re: Fa o tlaa ipolela ka molomo fa Jesu e le Morena, o ba o dumela mo pelong ya gago fa Modimo o mo tsositse mo losong, o tlaa bolokwa.

10Gonne motho o dumela ka pelo go isa tshiamong; mme boipolelo bo dirwa ka molomo go isa polokong.

11 Gonne lokwalo lwa re: “Le fa e le mang yo o dumelang mo go ene ga a ketla a tlhabisiwa ditlhong.”

12Gonne ga go na pharologano ya Mojuta le Mogerika; ka gobo yo e leng Morena, ke Morena wa botlhe, o bile o humetse botlhe ba ba mmitsang.

13 Gonne ga twe: “Le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la Morena o tlaa bolokwa.”

14Jaana ba tlaa bitsa jang ene yo ba iseng ba dumele mo go ene? Ba ka dumela jang mo go ene yo ba iseng ba utlwe ka ga gagwe? Mme ba ka utlwa jang fa ba se na moreredi?

15 Ba tlaa rera jang fa ba sa rongwa? Fela jaaka go kwadilwe ga twe: “Ana dinao di dintle jang tsa ba ba lereng mafoko a a itumedisang, a dilo tse di molemo!”

16 Mme mafoko a a itumedisang ga ba a ka ba a reetsa botlhe. Gonne Isaia a re: “Morena, mang yo o dumetseng polelo ya rona?”

17Jalo tumelo e tswa mo go utlweng, mme go utlwa go tle ka lefoko la ga Keresete.

18 Ka re, a ga ba a ka ba utlwa? Ee, ruri:

“Tumo ya bone

e tswetse kwa lefatsheng lotlhe,

le mafoko a bone

kwa dikhutlong tsa lefatshe.”

19 Ka re, a Iseraele ga a ka a itse?

E rile pele Moše a re:

“Ke tlaa lo fufanya

ka o e seng morafe,

ke lo šakgatsa ka morafe

o o se nang tlhaloganyo.”

20 Gape Isaia o bolela ka go tlhoka

poifo a re:

“Ke bonywe

ke ba ba se kang ba ntshenka,

ka bonalela

ba ba se kang ba botsa ka ga me.”

21 Ka ga Iseraele, a re: “Motshegare otlhe ke tlhotse ke otlololetse mabogo a me sešabeng se se sa utlweng le se se tataletseng fela.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help