EKESODO 24 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Kgolagano e tlhomamisitswe

1Jehofa a raya Moše a re: “Tlhatlogela kwa go Jehofa, wena, le Arone, le Natabe, le Abihu, le bagolwane ba Iseraele ba le 70; mme lo obame lo le kgakala.

2Moše a le esi ke ene yo o tlaa atamelang kwa go Jehofa; mme bone ba se atamele; le gone batho ba se tlhatloge nae.”

3Moše a fitlha a bolelela batho mafoko otlhe a ga Jehofa, le dikatlholo tsotlhe; mme batho botlhe ba fetola ka lentswe le le lengwe fela ba re: “Mafoko otlhe a Jehofa o a buileng re tlaa a dira.”

4Moše a kwala mafoko otlhe a ga Jehofa, mme a phakela a aga sebeso fa tlase ga thaba, le difikantswe tse di motloutlo di le 12, jaaka ditso di le 12 tsa Iseraele.

5A roma makau a bana ba Iseraele, ba isa ditshupelo tse di fisiwang, ba isetsa Jehofa ditlhabelo tsa dikgomo, e le ditshupelo tsa kagiso.

6Moše a tsaya madi bontlhanngwe, a a tsenya mo dijaneng, mme bontlha e nngwe jwa madi a a kgatsha mo sebesong.

7A tsaya lokwalo lwa kgolagano, a lo bala mo kutlong ya batho. Ba re: “Gotlhe mo Jehofa o go buileng re tlaa go dira, re go utlwa.”

8 Moše a tsaya madi, a kgatsha batho ka one, a re: “Bonang madi a kgolagano e Jehofa o e dirileng le lona ka ga mafoko otlhe a.”

9Foo ga tlhatloga Moše le Arone, le Natabe le Abihu, le bagolwane ba Iseraele ba le masome a supa.

10Ba bona Modimo wa Iseraele: Ka fa tlase ga dinao tsa one ga bo go ntse jaaka ekete sephara sa lentswe la safira, go galalela jaaka legodimo.

11Mme mo dikgosaneng tsa bana ba Iseraele ga a ka a di isetsa seatla; ba bona Modimo, mme ba a ja ba a nwa fela.

Moše kwa thabeng ya Sinai

12Jehofa a raya Moše a re: “Tlhatlogela kwano go nna mo thabeng, mme o nne gone; ke tlaa go naya matlapa, le molao o ke o kwadileng le ditaolo, gore o di rute batho.”

13Moše a nanoga le Jošua modiredi wa gagwe; Moše a tlhatlogela mo thabeng ya Modimo.

14A raya bagolwane a re: “Lona lo re nnele fano re tsamaye re tle kwano go lona gape; lo na le Arone le Hure; mongwe le mongwe yo o nang le mafoko a a atamele bone.”

15Moše a tlhatlogela mo thabeng, mme leru la khurumetsa thaba.

16Kgalalelo ya ga Jehofa ya nna mo thabeng ya Sinai, le leru la e khurumetsa ka malatsi a le marataro; e rile ka letsatsi la bosupa a tlhaeletsa Moše a le mo gare ga leru.

17Go bonala ga kgalalelo ya ga Jehofa ga bo go ntse jaaka molelo o o lailang mo godimo ga thaba, mo matlhong a bana ba Iseraele.

18 Moše a tsena mo teng ga leru, a tlhatlogela mo thabeng; Moše a nna mo thabeng ka malatsi a le 40 le masigo a le 40.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help