1 DIKGOSI 17 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Elija o bolela leuba

1 Mme Elija wa Motišebe, yo o neng e le wa banni ba Gileate, a raya Ahabe a re: “Jaaka Jehofa, Modimo wa Iseraele, a tshedile yo ke emang fa pele ga gagwe, ga go ketla go na monyo le fa e le pula ka dinyaga tseno fa e se ka fa lefokong la me.”

2Lefoko la ga Jehofa la tla kwa go ene la re:

3“Tloga mono, o menogele ntlheng ya botlhabatsatsi, o ye o iphitlhe fa molatswaneng wa Kerithe, o o lebaganyeng le Joretane.

4Go tlaa dirala go re o tlaa nwa mo molatswaneng oo, mme ke laotse mahukubu gore a go otlele gone.”

5A ya a dira ka fa lefokong la ga Jehofa: gonne a ya a nna fa molatswaneng wa Kerithe, o o lebaganyeng le Joretane.

6Mme mahukubu a mo leretse senkgwe le nama go le ka moso le senkgwe le nama go le maitsebowa; mme a nwa mo molatswaneng oo.

7Ga dirala ya re lobakanyana lo sena go feta molatswana wa a tšha, ka go ne go se na pula mo lefatsheng.

Elija le motlholagadi wa Sarefathe

8Lefoko la ga Jehofa la tla mo go ene la re:

9 “Nanoga, o ye kwa Sarefathe, o e leng motse wa Sitone, o nne gone; bona ke laotse mosadi mongwe wa motlholagadi, gore a go otle.”

10A nanoga a ya Sarefathe; ya re a fitlha fa kgorong ya motse, bonang, ga bo go le mosadi mongwe wa motlholagadi gone, a sela dikgonnyana. A mmitsa a re: “Ke a go rapela, a ko o ye go ntshiela metsinyana ka segwana, gore ke nwe.”

11Ya re a ya go a tsaya, a mmitsa, a re: “Ke a go rapela, o tle o ntlele le senkgwenyana.”

12Mme a re: “Jaaka Jehofa Modimo wa gago a tshedile, ga ke na senkgwe, fa e se boupenyana mo nkgwaneng bo lekanye seatla fela, le lookwanenyane mo kurwaneng; mme bona, ke sela dikgonnyana di le pedi, ke re ke tsena ke ya go bo ipaakanyetsa le morwaake, gore re bo je, mme re itse go swa.”

13Elija a mo raya a re: “O se ka wa boifa; ya o dire jaaka o buile; mme o ntirele senkgwenyana ka jone pele, o se ntlele kwano ntle, morago ga moo o itirele le morwao.

14Gonne Jehofa, Modimo wa Iseraele o bua jaana a re: ‘Boupe mo nkgwaneng ga bo ketla bo ngotlega, le lookwane mo kurwaneng ga lo ketla lo fela go tsamaya letsatsi le tla, le Jehofa o tlaa nesang pula ka lone mo lefatsheng.’ ”

15A ya a dira jaaka polelo ya ga Elija; ene mosadi, le ene Elija le ba ntlo ya mosadi, ba ja ka malatsi a le mantsi.

16Boupe ga bo a ka jwa ngotlega mo nkgwaneng, lookwane mo kurwaneng ga lo a ka lwa fela, jaaka lefoko la ga Jehofa le o le buileng ka Elija.

17Ga dirala ya re morago ga dilo tse, morwa mosadi yoo, mong wa ntlo, a tsogelwa ke bolwetse; mme bolwetse jwa gagwe jwa befa thata, mowa wa ba wa se ka wa sala mo go ene.

18Mosadi a raya Elija a re: “Ke dirang ka wena, wena motho wa Modimo? A o tsile mo go nna go tla go nkgakolola boleo jwa me, le go bolaya morwaake?”

19A mo raya a re: “Nneela morwao.” Mme a mo tsaya mo sehubeng sa mosadi, a mo isa mo ntlwaneng e e godimo, kwa o ne a nna gone, a mmaya mo bolaong jwa gagwe.

20A goela kwa go Jehofa, a re: “Jehofa Modimo wa me, a o bile o lerile bosula mo motlholagading yo ke jakileng mo go ene, ka go bolaya morwawe?”

21A ikotlololela mo ngwaneng gararo, a goela kwa go Jehofa a re: “Jehofa Modimo wa me, ke a go rapela, a ko o mme mowa wa ngwana yo o boele mo go ene.”

22Jehofa a reetsa lentswe la ga Elija; mme mowa wa ngwana wa boela mo go ene, mme a rulwa.

23Elija a tsaya ngwana, a mo folosa kwa ntlwaneng a mo lere mo ntlong, a mo neela mmaagwe; mme Elija a re: “Bona, morwao o tshedile.”

24Mosadi a raya Elija a re: “Jaanong ke a itse fa o le motho wa Modimo, le gore lefoko la ga Jehofa mo molomong wa gago ke boammaaruri.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help