NAHUME 3 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1A bo go latlhega motse

o o madimadi!

O tletse maaka le thubakanyo;

go thopa ga go tloge.

2Go thwanya ga seme le kgwaso

ya leratla la maoto a dikara;

le mesito ya dipitse,

le dikara tse di tlolakang;

3go sotlhomela

ga ba ba palameng dipitse,

le tšhaka e e bebenyang,

le lerumo le le phatsimang;

le bontsi jo bo bolailweng,

le mokoa o mogolo wa ditoto;

mme ga go na bokhutlo jwa direpa;

ba kgopiwa ke direpa tsa bone;

4ka ntlha ya bontsi jwa maakafalo

a seaka se se otlilweng sentle,

mong wa ditoo,

yo o rekisang merafe

ka maakafalo a gagwe,

le ditshika ka ditoo tsa gagwe.

5“Bona, ke tlhabana nao,”

go bua Jehofa wa masomosomo,

“Ke tlaa go tsodisa mesese

fa pele ga sefatlhogo sa gago;

ke tlaa supetsa merafe

bosaikategang jwa gago,

le magosi ditlhong tsa gago.

6Ke tlaa marela mo go wena

leswe le le makgapha,

ke tlaa go dira makgamatha,

ke tlaa go baya selebo

fela sa batho.

7Mme go tlaa dirala, go re,

botlhe ba ba go lebang

ba tlaa tshaba

ba tswa fa go wena ba re:

‘Ninefe o kgakgabaditswe;

e mang yo o tlaa mo lelelang?’

Ke tlaa go batlela kae bagomotsi?”

8A o gaisa Noamone ka molemo; yo o ne a le mo gare ga dinoka, yo o ne a tsentswe gare ke metse; o phemelo ya one e neng e le lewatle, le lorako lwa one e le metsi a lewatle?

9Ethiopia le Egepeto e le thata ya one, e ne e se na bokankabetso; Pute le Lubime e le bathusi ba gago.

10Le fa go ntse jalo a tlosiwa, a ya botshwarong; le banyana ba gagwe ba ne ba phatlakanngwa kwa dibaeng tsotlhe tsa mebila; ba thelela banna ba gagwe ba ba tlotlegang bola, banna botlhe ba gagwe ba batona ba ne ba golegwa ka diketane.

11Le wena o tlaa tagwa, o tlaa sujwa; le wena o tlaa batla kago ya phemelo e e thata ka ntlha ya mmaba.

12Dikago tsa gago tsa phemelo tsotlhe di tlaa nna jaaka ditlhare tsa difeige fa di udubadiwa di wela mo ganong la moji.

13Bona, batho ba gago ba ba mo gare ga gago ke basadi fela; dikgoro tsa lefatshe la gago di atlhametse baba ba gago fela; molelo o jele mephakalego ya gago.

14Ikgele tlhaselo metsi, o thatafatse dikago tsa gago tsa tlhabano; tsena mo seretseng, o gate seretse, o thatafatse pesetso ya makote.

15Molelo o tlaa go laila teng; tšhaka e tlaa go kgaola, e tlaa go ja jaaka boijane; o itire bontsi jaaka boijane, o itire bontsi jaaka tsie.

16O ntsifaditse babapaledi ba gago go feta dinaledi tsa legodimo; boijane bo a senya, bo tloge bo fofele koo.

17Ba gago ba ba rwesitsweng ba ntse jaaka tsie, le bakwadi ba gago ba ntse jaaka masogodi a tsiakgope, a a thibelelang mo dikgoreng fa go le tsididi, mme mogang letsatsi le tlhabang a fofele koo, mme felo ga one kwa a nnang teng ga go itsiwe.

18Badisa ba gago ba a otsela, wena kgosi ya Asiria; ba ba itsegeng ba gago ba a ikhutsa; batho ba gago ba falaletse mo dithabeng, mme ga go na ope yo o tlaa ba phuthang.

19Ga go na go tsidifatsa ntho ya gago; ntho ya gago e botlhoko thata; botlhe ba ba utlwang tumedi ya gago, ba go opela diatla; gonne go na le mang yo boikepo jwa gago bo sa tleng mo go ene ka metlha yotlhe?

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help