SEKARIA 9 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Katlholo mo ditšhabeng tse di gaufi

1 Molaetso wa lefoko la ga Jehofa

ka ga lefatshe la ga Haterake.

Damaseko e tlaa nna

felo ga boikhutso ga one;

gonne leitlho la botho,

le la ditso tsotlhe tsa Iseraele

le lebile Jehofa;

2le Hamathe o o bapileng le one;

Ture le Sitone

ka a le botlhale thata.

3Ture o ne a ikagela kago e e thata

ya tlhabanelo,

a kokoanya selefera

sa nna jaaka lorole,

le gouta e e itshekileng

ya nna jaaka seretse sa mebila.

4Bonang, Jehofa o tlaa mo ruolola,

o tlaa itaya thata ya gagwe

mo lewatleng;

mme o tlaa lailwa ke molelo.

5 Ašekelone o tlaa go bona, a boifa;

le ene Gasa,

o tlaa nna botlhoko thata;

le Ekerone,

gonne tebelelo ya gagwe

e tlaa tlhajwa ke ditlhong;

kgosi e tlaa swa mo Gasa,

Ašekelone ga a ketla a nnwa.

6Motho yo o tlhakanyeng losika

o tlaa aga mo Ašetote,

mme ke tlaa kgaola pelafalo

ya Bafilisitia.

7Ke tlaa tlosa madi a gagwe

mo ganong la gagwe,

le dilo tse di makgapha tsa gagwe

mo gare ga meno a gagwe;

le ene o tlaa nna lesalela

la Modimo wa rona;

o tlaa nna jaaka kgosana mo Juta,

le Ekerone jaaka Mojebuse.

8Mme ke tlaa nnela ntlo ya me

seduledi mo tikologong,

go tlhabana le ntwa,

gore go se nne ope yo o fetang

le fa e le yo o bowang;

ga ba ketla ba ralalwa ke mopatiki

ope gope;

gonne jaanong ke bonye

ka matlho a me.

Maipelo go kgosi e e tlang

9 Itumele thata,

wena morwadia Sione;

thela lošalaba

wena morwadia Jerusalema; bona,

kgosi ya gago e etla kwa go wena;

o tshiamo, o na le poloka,

o boikokobetso, o palame esela,

e bong eselana ngwana wa esela.

10 Ke tlaa kgaola kara ya tlhabano

mo Eferaime,

le pitse mo Jerusalema,

le bora jwa tlhabano

bo tlaa kgaolwa;

o tlaa bua kagiso le merafe,

mme puso ya gagwe,

e tlaa tswa lewatleng lengwe

e ya lewatleng le lengwe,

e tlaa tswa Nokeng e ye go fitlha

kwa dikhutlong tsa lefatshe.

Modimo o solofetsa go amogela batho ba one gape

11Ka ga gago le wena,

ka ntlha ya madi a kgolagano,

ke ntshitse bagolegwi ba gago

mo mokoleng

o go se nang metsi mo go one.

12Retologelang kwa kagong e e thata

ya tlhabanelo

lona bagolegwi ba tsholofelo;

le gompieno ke a itlhomamisa

go re ke tlaa go duela sebedi.

13Gonne ke itaeleditse Juta,

ke tladitse bora ka Eferaime;

mme ke tlaa tlhotlheletsa bomorwao,

wena, Sione,

ke tlaa ba tlhotlheletsa bomorwao,

wena Gerika, ke tlaa go dira

jaaka tšhaka ya seganka.

14Jehofa o tlaa bonwa

godimo ga bone,

le motswi wa gagwe o tlaa hulega

jaaka logadima;

Jehofa Modimo o tlaa letsa lonaka,

o tlaa tsamaya ka ditsuatsue

tsa borwa.

15Jehofa wa masomosomo

o tlaa ba femela;

mme ba tlaa jela ruri,

ba tlaa gataka maje a motsekedi,

mme ba tlaa nwa,

ba tlaa tsosa modumo

jaaka e ka bo e le ka bojalwa;

ba tlaa tlala jaaka megopo,

jaaka dikgokgotsho tsa sebeso.

16Jehofa Modimo wa bone

o tlaa ba boloka mo motlheng oo

jaaka letsomane la batho ba gagwe;

gonne ba tlaa nna jaaka majana

a serwalo sa bogosi

se se tsholeditsweng

godimo ga tlhogo ya gagwe.

17Gonne molemo wa gagwe

o mogolo jang!

Bontle jwa gagwe bo bogolo jang!

Mabele a tlaa itumedisa makau,

le bojalwa jo boša barweetsana.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help