MORERI 10 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1Dintshi tse di suleng

di nkgisa setlolo

sa modira dinkgisa monate sebodu;

boeleele bo le bonnye bo feta jalo

botlhale le tlotlo ka bokete

mo selekanyong.

2Pelo ya motho yo o botlhale

e ka fa ntlheng ya letsogo le legolo;

mme pelo ya seeleele

e ka fa ntlheng ya la molema.

3Ee, le gone fa seeleele se tsamaya

mo tseleng,

tlhaloganyo ya sone e se tlhaele,

mme se ipolele mongwe le mongwe,

se re: “Ke seeleele.”

4Fa mowa wa molaodi o go

tsogologela,

o se ka wa tlogela felo ga gago;

gonne boineelo bo ngotla ditlolo tse

dikgolo.

5Go na le bosula bongwe jo ke bo bonyeng tlase ga letsatsi, e kete ke timelo e e tswang mo molaoding.

6Boeleele bo bewa mo tlotlong e kgolo, mme bahumi ba dule mo felong fa go kwa tlase.

7Ke bonye batlhanka ba palame dipitse, le dikgosana di tsamaya fa fatshe jaaka batlhanka.

8 Yo o epang lemena

o tlaa wela mo go lone;

mme yo o sutlhang ka logora

noga e tlaa mo loma.

9Yo o sutisang maje

o tlaa utlwisiwa botlhoko ke one;

le yo o rathang dikgong

o mo poitshegong ka gone.

10Fa tshipi e le boboi, mme motho

a sa lootse bogale jwa yone,

foo o na le go ikitlimanya bogolo;

mme botlhale bo molemo

go siamisa.

11Fa noga e loma e ise e tseanngwe,

foo ga go na thuso

mo motseanying.

12Mafoko a molomo wa motho yo o

botlhale a mantle;

mme dipounama tsa seeleele

di tlaa metsa sone seeleele ka sosi.

13Tshimologo ya mafoko a molomo

wa sone ke boeleele,

le bokhutlo jwa puo ya sone

ke botsenwa jo bo bosula.

14Gape seeleele se tle se ntsifatse

mafoko;

le fa go ntse jalo motho ga a itse

se se tlaa nnang;

mme se se tlaa nnang

morago ga gagwe

e mang yo o ka se mmolelelang?

15Letsapa la dieleele

le lapisa sengwe le sengwe sa tsone,

ka se sa itse ka fa se ka yang

motseng ka gone.

16O a bo o latlhega, wena lefatshe

fa kgosi ya gago e le ngwanyana

le dikgosana tsa gago

fa di ja go sa le ka moso.

17O sego wena lefatshe,

motlhang kgosi ya gago

e leng ngwana wa batho ba batona,

le dikgosana tsa gago

fa di ja ka motlha o o siameng,

gore ba nne thata,

e seng gore ba tagwe.

18Ditlhomeso di wela mo teng

ka bomatla jwa motho;

ntlo e be e dutle ka bobodu

jwa diatla.

19Modiro o direlwa ditshego,

le bojalwa jwa mofine bo itumedisa

botshelo;

le madi a fenya dilo tsotlhe.

20O se ka wa roga kgosi,

nnyaa, le fa e le mo mogopolong;

le bahumi o se ka wa ba roga

mo ntlwaneng ya gago ya borobalo;

gonne nonyane ya loapi

e tlaa isa lentswe,

le se se nang le diphuka

se tlaa bolela mafoko.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help